Bo sena kitso mmaba wa banana
15 Dec 2014
Banana bangwe ba Toteng kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ba boletse fa ba sa tlhaloganye ditsamaiso dingwe tsa kgwebo ke ka moo ba leng boitseme go tsaya mananeo a puso go nyeletsa lehuma le le ba apesitseng kobo ka letshoba.
Mo potsolotsong bosheng, banana bao ba tlhalositse fa ba na le keletso ya go ka itirela ka diatla mme kgwetlho e tona e le go sa tlhaloganyeng, gareng ga tse dingwe, go dira mananeo a go tsamaisa kgwebo le go tshwara dibuka tsa madi mme seo se ba beile ka fa mosing.
Mme Keodumetse Nthubu wa dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa o boletse fa a eletsa go dira kgwebo ya ditante mme a re le fa a dirile maiteko a go ikgolaganya le ba ofisi ya banana go kopa dithuso tsa madi, o kopilwe go dira lenaneo la tsamaiso kgwebo mme a seka a itse gore o ka simolola fa kae, a dira eng le gone jang.
A re o filwe bukana e e tlhokang gore a kwale dintlha di le mmalwa tse di amang kgwebo eo, mme ka a sena lesedi ka tseo a kgobega marapo a bo a ineela go fitlha mo nakong eno.
Mme Nthubu a re e re le ntswa a batla go dira kgwebo eo ka pelo ya gagwe yotlhe ka e bile a na le lesedi la yone, kgwetlho e nngwe e tona ke ya mmaraka ka motse wa Toteng o le monnye fela thata.
O supile fa a sa itse gore o ka dira eng go fitlhelela toro ya gagwe le gore o ya go lwantsha jang dikgwetlho tseo gore le ene a kgone go bona se a ka itshetsang ka sone le ba lelwapa la gagwe.
Mme Nthubu a re le fa a ka kgona go diragatsa toro ya gagwe, ipapatso le yone e ya go nna sekgoreletsi se sengwe ka a sa itse gore o simolola jang go tsenya kgwebo ya gagwe mo Batswaneng ba bangwe.
Rre Tshephang Marotsi, yo o dingwaga di masome mabedi le bongwe le ene o tlhalositse fa a na le mathata a go tlhaloganya bukana e e tladiwang go tswa kwa lephateng la banana gore a bone madi go dira kgwebo ya gagwe.
A re fa e sa le a filwe bukana eo Seetebosigo mono ngwaga, le mo nakong eno ga a ise a dire sepe ka yone ka a sa tlhaloganye dilo dingwe tse a di tlhokwang segolo jang ditsamaiso tsa kgwebo. A re e re ka e le molemi-morui, o tlhaloganya botoka ka tlhokomelo ya dihutshane mme fela kgwetlho e tona ke go dira lenaneo la tsamaiso kgwebo.
O tsweletse a re go sa tlhaloganyeng mo, go emisitse maiteko a gagwe a go fetola botshelo jwa gagwe ka thuo ya dihutshane.
Mme Agnes Morotsi le ene o tlhalositse fa a ne a ikaeletse go nwa matsogo a gagwe moro ka go bula kgwebo ya moriri mme a sa itse jaanong gore o ka bona kae thutuntsho ka tsotlhe tse di amanang le tsamaiso ya kgwebo ya mohuta oo.
O tlhalositse fa banana ka bontsi mo motseng wa gaabo ba inaakantse le lenaneo la Tirelo Setshaba le ntswa ba na le botsipa le keletso ya go ka bula le go itsamaisetsa dikgwebo.
Mme Bakisanani Jotia le Mme Bigamoyo Mabunayi ba tshilo ya Shangano kwa motseng wa Nlapkhwane bone ba tlhalositse fa e le makgetho a le mmalwa ba iteka lesego mo maphateng ka go farologana go ba neela ditirelo mme ba nna ba itaya sefololetse ka ba sa tlhaloganye ditsamaiso dingwe tsa kgwebo.
Ba tlhalositse fa ba thusitswe ka lenaneo la banana ka madi a a ka fetang dikete di le masome a robabongwe a dipula mme le mo nakong eno kgwebo ya bone e sa atologe ka ba ise ba dire dilo dingwe sentle jaaka go kopa diteseletso.
E re dikgang di eme jalo, mogolwane mo lekalaneng la LEA kwa Masunga, Mme Segakolodi Ntebele o tlhalositse fa ba otlolotse letsogo go tlhoma dikgwebo tsa bagwebi botlhe kwa pele go sa kgathalesege gore a di disha kana di ntse di dira.
Mme Ntebele a re lekalana la gagwe le itlamile go tlhabolola le go godisa dikgwebo gore di kgone go itshetlela.
A re le ntswa ba itebagantse le go thusa dikgwebo dingwe, e ne ya re Moranang ba otlolola letsogo go thusa dikgwebo tsotlhe go sa kgathalesege gore ke tsa mofuta ofe. O tsweletse a re ba dira se ka maikaelelo a go tlhabolola mehama yotlhe ya itsholelo mme ba thusa Batswana ka ithutuntsho e ba lopang mogwebi dipula di le masome a mane le borobabobedi fela ka letsatsi.
O boletse fa ba thusa gape ka bogakolodi jwa go tsamaisa kgwebo, mme seo se akaretsa go dira mananeo a tsamaiso dikgwebo, go tshwara dibukana tsa madi ga mmogo le go ipapatsa.
A re le ntswa puso e tlhamile mananeo go ema banana le bomme nokeng, ba santse ba saletse kwa morago go tsena mo dikgwebong ka jalo a ba rotloetsa go ikgolaganya le lekalana la LEA go kopa dithuso tse di farologaneng tse di fiwang koo.
E rile a tswa la gagwe, mongwe wa bagakolodi ba tsa kgwebo mo lekalaneng le, Rre Gaolaolwe Phologolo a tlhalosa fa bontsi jwa Batswana ba sena botsipa le dikitso tse di tseneletseng, segolo jang ka go dira mananeo a tsamaiso kgwebo, ka jalo a laletsa botlhe ba ba eletsang go ithutuntsha ka one go ikgolaganya le bone.
O tsweletse a tlhalosa fa lenaneo la tsamaiso kgwebo le le botlhokwa ka le thusa yo o eletsang go tsena mo kgwebong go bona dithuso tsa madi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gladys Olebeng
Location : GUMARE
Event : Potsolotso
Date : 15 Dec 2014