Komiti ya ditlhabololo bokaedi jwa motse
15 Dec 2014
Komiti ya ditlhabololo tsa motse e botlhokwa fela thata e bile motse mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le yone gore o bone ditlhabololo.
Mo potsolotsong bosheng, mogolwane mo ofising ya boipelego ya kgaolo potlana ya Tutume, Mme Girly Mathangwane o boletse fa komiti eo e le setlhopha sa batho ba motse ba ba tlhophilweng mo kgotleng go tsamaisa ditiro tsa boipelego ka boithaopo ba thusiwa ke kgosi, mokhanselara le mmaboipelego.
O tlhalositse fa komiti e sekaseka tse di tlhokegang le mathata a motse ka therisano le morafe. Mme Mathangwane a re komiti e, e rulaganya ditlhabololo tsa motse e dira mmogo le dikomiti tse dingwe mo motseng. A re maikarabelo a komiti e gape ke go lekodisa morafe ka ditlhabololo, tiriso ya madi le go tlhokomela dithoto tsa morafe.
O tlhalositse fa komiti e tshwanetse go rulaganyetsa ditiro tsa ditlhabololo ka botlalo pele di ka simolola, eseng go abelela gore fa ba ka dira ditiro dingwe ba ka tila mathata a letlhoko mo motseng.
A re motlhala o o bonala thata mo malokong a a sa batleng diphetogo ba re ba na le dingwaga tse dintsi ba tsamaisa komiti ya ditlhabololo. O supile fa morafe o na le maikarabelo a go tlhopha batho ba ba nang le tebelopele le thato ya go direla morafe ka boithaopo gonne se ka dira gore komiti e dire tiro e e maleba.
A re morafe, o tshwanetse go tlotla komiti le go dirisanya sentle le yone gore e kgone go diragatsa maitlamo a yone.
O boletse fa kgosi a na le tshwanelo ya go fa komiti eo dikgakololo fa a bona e sa tsamaise dilo sentle mme a supa fa dikomiti tsa ditlhabololo ka bontsi di dira bontle fela thata jalo a ba rotloetsa go tswelela ba direla metse ya bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Clara Thamae
Location : TUTUME
Event : Potsolotso
Date : 15 Dec 2014