Tautona o sirolola Okavango Delta
11 Dec 2014
Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama o sa tswa go amogela sesupo sa go tsenngwa ga makgobokgobo a Okavango go nna lengwe la maremelelo a bojanala a a itsegeng lefatshe ka bophara.
Tautona o ne a ba a fiwa setlankana se ke tona wa lephata la diphologolo le bojanala, Rre Tshekedi Khama a se amogetseng go tswa kwa go ba United Nations Educational, Scientific and Cultural Organisation (UNESCO).
Makgobokgobo a Okavango a amogetswe go nna maremelelo a bojanala mo lefatsheng monongwaga ka Seetebosigo kwa Doha, Qatar.
Fa a bua kwa moletlong wa katlego eo, Tona Khama a re go tsenngwa ga makgobokgobo mo mafelong a botlhokwa a mafatshefatshe ke ba UNESCO go botlhokwa mo Afrika fa go lebilwe gore ke one fela a neng a akarediwa monongwaga.
A re mafelo a mangwe a le mararo a Afrika a ne a seka a atlega.
Fa a tlhalosa ka seo, Tona Tshekedi Khama o rile mafatshe a a farologaneng a tla ka maina a mafelo a one a bojanala, ka jalo lefelo le ka amogelwa, la busediwa kwa morago kgotsa la beelwa nako e e tlang.
A re se se pharologanyo ka go akarediwa ga makgobokgobo a Okavango ke gore a amogetswe go se na sepe se se baakanngwang ka one, mme a re se se raya gore tiro ya go kopa gore a akarediwe e ne e dirilwe ka botswerere thata mo e leng gore ga go ope wa komiti yo o boneng go tlhokafala gore go fetolwe sepe kgotsa go akarediwe sepe se se ka tswang se tlogetswe kwa ntle.
A re puso ya lefatshe leno e ikaeletse go sireletsa di-tsa tlholego le tsa ngwao go sa kgathalesege gore a di akareditswe mo matlotlong a tlholego a mafatshefatshe.
Tona Khama o tshephisitse lefatshe ka bophara gore puso e tlaa tswelela e bereka le batsaya karolo ka go farologana, segolo jang ba ba nnang go bapa le makgobokgobo ao ga mmogo le mafatshe a Angola le Namibia go somarela lefelo leo.
Fa a akgela, mogolwane wa National Museum and Monuments, Rre Gaogakwe Phorano o akgotse botlhe ba ba thusitseng puso mo go amogelweng ga makgobokgobo ao mme a re se se raya gore komiti ya mafatshefatshe ya World Heritage e na le dilo dingwe tse e solofelang gore lefatshe leno le di dire ngwaga le ngwaga.
A re go tshwanetswe ga dirwa pego e e yang kwa komiting eo e supa ka fa lefatshe leno le tlhokomelang makgobokgobo ao ka teng mme a supa fa pego ya ntlha e le ya 2016 ka Tlhakole mme morago ga moo go solofelwa gore e dirwe morago ga ngwaga tse nne. Go ipelela se, Tona Khama o tsere tshwetso ya go isa moletlo o kwa Maun le Shakawe ngwaga oo tlang Tlhakole a le masome mabedi le bone ka tshwaragano le ba Botswana Post go simolodisa ditempe tse di supang go amogelwa ga makgobokgobo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : GABORONE
Event : Kamogelo Sesupo
Date : 11 Dec 2014