Madae o abelwa pompo
11 Dec 2014
Mo maitekong a go diragatsa lengwe la matshego a tebelopele ya ngwaga wa 2016 ya go nna setshaba se se kutlwelobotlhoko e bile se tlhokomela batho ba yone, ba ofisi ya ga molaodi kwa Bobonong ba abetse Rre Sethora Madae wa Tsetsebye pompo ya metsi.
Fa a bua kwa letsatsing la go aba pompo eo, mothusa molaodi wa Bobonong, Mme Ndindoga Makhwaje a re ba bone go tshwanela go ema nokeng moono wa ga Tautona wa go thusa batho ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng.
Mme Makhwaje a re e ne ya re Phalane ngogola balaodi ba kgaolo ya Legare, ba boipelego, le badiredi ba bone ka kakaretso ba kopana kwa Zanzibar go bona ka fa ba ka nnang le seabe mo moonong wa ga Tautona ka teng mme ba dumalana go kgobokanya madi go tsenyetsa Rre Sethora Madae pompo.
Mme Makhwaje a re le ntswa batho ba sa lekane ka itsholelo, fela go tshwanetse go nna le mowa wa neelano le lorato lwa go thusana. A re fa motho a na le sa gagwe o nna le seriti ka gonne go kopela ruri le gone go a lapisa.
Mogolwane go tswa mo ofising ya National AIDS Coordinating Agency, Mme Rosinah Hary o gwetlhile botsadi boora Madae go thusa Rre Madae go duela metsi ka a sa dire a bo a ba kopa go itsa bana go tshamekisa metsi.
Mme Hary o bile a ba kopa go tlhokomela pompo eo ka e le yone e ba neelang metsi gonne kwa ntle ga metsi ga go na botshelo.
Fa a latlhela la gagwe, Kgosi Dialwa Motsamai o galaleditse moono wa ga Tautona wa go thusa batho ba ba dikobo dikhutshwane ka ditsompelo. O supile fa motlhala wa go ya kwa ngwageng wa 2016 o bonala ka bontsi jwa batho ba setse ba agetswe matlo fa a mangwe a santse a agwa.
Kgosi Motsamai o tlhalositse fa lefatshe la Botswana le le lentle e bile e le mpho ya Modimo ka gore kagiso le thokgamo di agile mo go lone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moses Moleboge
Location : BOBONONG
Event : Kabo ya pompo
Date : 11 Dec 2014