Mmelaelwa o tlaa emela tsheko mo kgolegelong
11 Dec 2014
E rile bosheng Galetshabiwe Mbuba wa kgotla ya Kgosing kwa Kumakwane, yo o lebisitsweng molato wa go leka go bolaya batho ba le supa ka go ba tshubela mo ntlong a itshupa fa pele ga ga mmakaseterata wa Molepolole, Mme Keneilwe Koobake go ikopela go emela tsheko kwa ntle ga kgolegelo gonne a re ke ene a tlhokomelang bomonnawe ba le babedi le ngwana wa gagwe.
Fa a tswa la gagwe, Mosekisi Sub Inspector Mishingo Kedikanetswe wa sepodisi sa Thamaga, o kopile gore mosekisiwa a seka a fiwa sebaka sa go emela tsheko kwa ntle ga kgolegelo ka ditlhotlhomiso di santse di tsweletse.
Sub Inspector Kedikanetswe o tlhalosa fa kgang e e le ntsha go begwa ke mapodise a Kumakwane kwa go ba sepodise sa sephiri, ka jalo go se maleba gore mosekisiwa a fiwe sebaka sa go emela tsheko kwa ntle ga kgolegelo.
A re go fa mosekisiwa sebaka sa go emela tsheko kwa ntle go ka baya bangongoregi mo diphatseng.
Fa a gana kopo ya mosekisiwa, Mmakaseterata Koobake o tlhalositse gore mosekisi o begetse lekgotla gore ditlhotlhomiso di santse di tsweletse, ka jalo ga go kake ga kgonega gore o ka emela tsheko kwa ntle.
Mosekisiwa o lebisitswe melato ya go leka go bolaya ka go tshuba ntlo e bangongoregi ba neng ba robetse mo go yone Sedimonthole a tlhola malatsi a le mane kwa kgotleng ya Goo-Dinti kwa Kumakwane. Mbuba o tlaa itshupa gape fa pele ga lekgotla kgwedi eno e le masome mabedi le boraro. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keorapetse Kgomotso
Location : MOLEPOLOLE
Event : Tsheko
Date : 11 Dec 2014