Matlotla a leswafatsa kanye
11 Dec 2014
Ba lephata la kabo ditsha la Ngwaketse ba kopile dikgosi le maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse go ba thusa go ba batlisa beng ba matlotla a a tletseng mo Kanye a a dirang gore motse o lebege o le maswe e bile a oka magodu le botlhaswa jwa batho bangwe ba ba a dirisang bosigo.
E rile a bua mo thuto puisanong e e neng itebagantse le go ba ruta ka lenaneo le le tsweletseng la kwadiso ya ditsha le lefatshe LAPCAS e e neng e tseneletswe ke dikgosana le barutabana ba dikole, raditogamaano tsa ditlhabololo tsa kabo ditsha, Rre Goatwemang Shatera a bolela fa matlotla a le mantsi mo motseng wa Kanye mme go sena ope yo o a tlhabololang e bile go sena yo o supang gore ke a ga mang.
O boletse fa bontsi ja matlotla bo se mo tebegong e e kgatlhisang mme ka jalo a oka magodu le dilo dingwe tse di maswe tse di diragalang teng masigo mogodimo ga moo a kgoreletsa lenaneo la LAPCAS go kwadisa malwapa le ditsha.
O kopile ba bogosi go tsenya leitlho go ba thusa ka go batla beng ba matlotla ka e le bone badisa ba morafe. Rre Shatera o boletse fa Kanye e le motse o montle fela thata o o nang le mafelo a a ka okang bajanala a akaretsa Mmakgodumo, Pharing le Kgwakgwe.
Le fa gontse jalo, bangwe ba dikgosi ba ba neng ba tseneletse thuto puisano eo ba boletse fa dikgosana di itse beng ba matlotla mme ba tla a ba botsa gore tsela pedi ba tsaya efe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Thuto-puisano
Date : 11 Dec 2014