Breaking News

Batswana ba kopiwa go fetola boitshwaro

11 Dec 2014

Go bolelwa fa Batswana ba rutilwe thata ka mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS mme jaanong go le botlhokwa gore ba fetole boitshwaro  gore ba seka ba gasagasa mogare.

Mafoko a, a boletswe ke kgosi ya Mogobane, Rre Nobi Moilwa fa a amogela baeng kwa motseng oo ka letsatsi la segopotso sa HIV/AIDS, a tlhalosa fa Batswana ba tshwanetse go ipela ka ditlamelo tse puso e di ba neelang le ka fa e ba rutileng ka teng ka bolwetse jo mme ba tlhagafalele go bo fedisa.

 Fa a tswa la gagwe, leloko la komiti ya botsogo ya Mogobane Mme Tsholofelo Letshoo o tlhalositse fa maikaelelo a letsatsi e le go ipelela se puso e se direlang lefatshe leno ka go leka go lwantsha seemo sa mogare. 

O kopile Batswana go emisa go tshameka ka botshelo jwa bone, a bolela fa se e le go itsietsa fela. A re Batswana ba tshwanetse  go tlogela go iphitlha ka monwana fa ba lwala jalo a ba rotloetsa go dirisa mananeo a puso a botsogo ba patagantse le go ikanya Modimo. 

Mme Letshoo o ba kopile go tlogela go supa ba bangwe ka menwana mme a ba rotloetsa go amogela le go dirisa dithuto tse ba di filweng.

Sebui sa tlotla Moruti Jacob Nong, o tlhalositse fa Batswana ba tshwanetse go ema ka dinao botlhe go supa fa ba sa batle bolwetse jo mme ba ka dira se ka go se tsenwe ke mogare o mosha, ka go emisa ditsela tsotlhe tse di gogelang go tsenwa ke mogare gonne o dumela fa dilo tse tsotlhe di ka emisa kanamo ya mogare. 

Moruti Nong o boletse gore fa banana ba ka tswalela ditsela tsa go tsenwa ke mogare, ba ka godisa tshaba e e senang mogare.

O boletse gore Modimo o diretse monna molekane ka go bo a ne a bona go tshwanela gore go nne jalo mme go botlhokwa gore batho ba kopane ka tsela e e tshwanetseng eleng ya lenyalo.

Moruti Nong o supile fa lefatshe la Amerika le ntshitse didikadike tsa madi go lwantsha bolwetse jo mo lefatsheng leno, a bo a supa gore fa Batswana ba ka fedisa bolwetse jo madi ao a ka dirisiwa go dira ditlhabololo tse dingwe.

O supile fa Batswana ba rutwa thata ka bodiphatsa jwa mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS, mme ba itebatsa dithuto tseo.  O ba gakolotse gore go nna le bakapelo ba le bantsi ga se bokwete mme ke tsela nngwe ya go ipiletsa lebitla.

Mo go tse dingwe, Kgosi Moilwa o kopile balemi go tlhokomela leruo la bone thata gore le seka la senyetsa balemi, a supa fa katlholo ya leruo le le senyeditseng molemi e bewa ke molemi. Kgosi o tlhalositse gape fa diheke di tla a tswalwa Hirikgong a le lesome le botlhano, a bo a kopa barui go isa leruo la bone kwa go tshwanetseng.

O kopile Batswana go ithuta go kgalemelana fa ba bona ba bangwe ba sa dire sengwe sentle bogolo jang ka malatsi a keresemose le ngwaga o mosha.

O tsweletse a bolela fa mophato wa Madisamotse o tla a disa metse ya kgaolo ya Gamalete ka malatsi a jalo a kopa tirisanommogo le morafe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : RAMOTSWA

Event : Segopotso sa HIV/AIDS

Date : 11 Dec 2014