Balemi kwa Ga-Ngwaketse ba itumile molomo wa tlase
11 Dec 2014
Ke semphete ke go fete kwa marekisetsong a Botswana Agricultural Marketing Board (BAMB) a Kanye ka boidiidi jwa balemi ba kubugela teng moso le moso go reka dipeo go ipaakanyetsa temo ya monongwaga.
E rile lekoko la BOPA le etetse teng bosheng, la fitlhela balemi ba tletse kwa marekisetsong ao ba le mo meleng go phaka dipeo.
Go lebega balemi bao ba nyoretswe go ya go lema monongwaga ka ba ntshitswe pelo ke temo ya ngogola e bontsi bo neng bo boetswe fela thata. Balemi bangwe ba boletse fa ba emisitse ditshukudu tsa temo kwa masimong morago ga pula e e neleng bosheng mo dikgaolong dingwe tsa Borwa.
Mogolwane mo lekalaneng la BAMB kwa Kanye, Mme Segametsi Mokoto o boletse fa monongwaga ba amogela balemi ba bantsi ba ba supang fa ba na le kgatlhego e tona ya go lema mme e bile bangwe ba santse ba tlisa thobo ya ngogola.
Mme Mokoto a re lenaneo la puso la ISPAAD le rokoditse Batswana thata gore ba leme ka puso e ba thusa mahala ka menontshane, dipeo le molemo wa mhero.
O boletse gape gore ngogola balemi ba bone thobo e e nametsang ke sone se se ba gwetlhileng sa ba sa ba tiisa moko mo temong mono ngwaga.
Diofisi tsa BAMB mo kgaolong ya Borwa di fitlhelwa kwa Moshupa, Kanye le Pitsane mme go lebega monongwaga di tla hupetswa ke balemi ba ba rekisang teng le ba ba rekang. Balemi ba boletse fa ba ikaelela go lema dijo tse di lekaneng gore ba je bontlha ba bo ba rekisa jo bongwe.
O tsweletse a re balemi ba leboga lenaneo la ISPAAD ka ba re le ba ntshitse mo manokonokong a leuba ka jaanong bontsi bo na le dijo e bile ba ikaelela go di oketsa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Potsolotso
Date : 11 Dec 2014