Breaking News

Botswana e thusa ba ba amilweng ke Ebola

10 Dec 2014

Mo maitekong a go thusa mafatshe a a amilweng ke bolwetse jwa Ebola, Botswana e ntshitse dikoloi tsa Land Cruiser di le lesome le botlhano go thusa go lwantsha bolwetse joo kwa   Liberia, Guinea le Sierra Leone.

Mekgatlho ya sefapaano se sehibidu mo mafatsheng ka go farologana e ntse e ntsha dithuso tsa bongaka le go isa baithaopi go thusa kwa mafatsheng a a kwa bophirima jwa Aferika mme Botswana o ntshitse thuso ya gagwe morago ga dikgwedinyana bolwetse joo bo sena go tlhagoga.

Tlhagogo ya bolwetse jo, e eleng e kgolo go di gaisa e amile fela thata tsa botsogo le ditlhaeletsano kwa mafatsheng a bophirima jwa Aferika a amilweng ke bolwetse jo ka bontsi jwa one a ise a ke a amiwe ke bolwetse jo go le pele.

Mo potsolotsong le BOPA  bosheng, mogolwane wa sefapaano se sehibidu mo Botswana, Rre Obakeng Sethomo o boletse gore mokwaledi mogolo mokgatlho oo, Mme Marble Rammekwa  o neetse  mokwaledi mogolo wa lekgotla la mafatshefatshe la sefapaano se sehibidu Rre Elhadj As Syon dikoloi tseo mo  boemong jwa puso ya Botswana  kgwedi eno  e simologa.

Rre Sethomo a re dikoloi tseo di amogetswe ke mekgatlho ya sefapaano se sehibidu a mafatshe a Liberia, Guinea le Sierra Leone.

Mo molaetseng wa gagwe o lebagantswe le puso ya Botswana , mogolwane wa IFRC kwa Dakar,  Rre Momodou Lamin Fye  o galaleditse lefatshe la Botswana  seabe sa lone mo  go tlhabantsheng  bolwetse jwa Ebola jo bo amileng  mafatshe a bophirima jwa Aferika.

Mo boemong jwa mekgatlho ya sefapaano se sehibidu sa Liberia, Guinea le Sierra Leone, Rre Fye a re IFRC e batla go netefaletsa lefatshe la Botswana le batho ba lone  ga mmogo le mokgatlho wa sefapaano se sehibidu gore dikoloi tseo di tla thusa fela  thata go kgona go thusa batho ba ba tlhokang thuso ya bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GABORONE

Event : Potsolotso

Date : 10 Dec 2014