Monana wa Takatokwane o inaakantse le lenaneo
27 Nov 2014
Go lebega dipalo tsa banana ba ba lelang ka letlhoko la ditiro di tla a fokotsega ka ba tsweletse ka go inaakanya le mananeo a puso go tokafatsa matshelo a bone le gone go ipulela dikgwebo gore ba kgone go tlhama mebereko.
Monana mongwe wa Takatokwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Gideon Kaolatola o tlhalositse mo potsolotsong fa a simolotse kgwebo ya kapei ya borotho ngwaga o o fetileng morago ga go thusiwa ke ba nyeletso lehuma ka go mo fa didirisiwa tsa go ipulela madirelo a kapei ya borotho.
O boletse gore e ne ya re kwa tshimologong kgwebo ya seka ya dira sentle ka a ne a sena mmaraka mme a seka a itlhoboga a tswelela ka go kotlopisa le go tswa ka maano a go bona gore o ka phunyeletsa jang mo mmarakeng ka a na le lerato le le tseneletseng mo go tsa kapei.
A re kgwebo ya gagwe e ene e goga ka thata ka ntlha ya go rekisetsa mo lwapeng mme a simolola go latela bareki kwa malwapeng, dikoleng le kwa kokelong mme mo nakong eno o kaya fa a bona dipoelo tse di nametsang e bile a simolotse go apaya selekanyo se segolwane mo go se a simolotseng ka sone.
Rre Kaolatola a re o dumela fa jaanong ditoro tsa gagwe tsa go bona kgwebo e gola di tla a fetoga nnete e bile a tla kgona go tlhamela ba bangwe ditiro mme a supa fa katlego ya gagwe e ikaegile ka bopelotelele le lerato go fitlhelela ditoro tsa gagwe.
O gakolotse banana go tlhaloganya fa kgwebo nngwe le nngwe e na le dikgwetlho mme fela boitshoko e le yone tsela ya go di fenya.
Go ntse go le foo, o akgotse puso go tswelela ka go loga maano a go thusa Batswana gore ba inoge mo lehumeng mme a kgothatsa banana go itsolopanya go ikopela mananeo a tshwana le Youth Development Fund go itshimololela dikgwebo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Shelly Kasefitlhela
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 27 Nov 2014