Kgosi o ngongoregela ditirelo tsa balemisi
12 Mar 2013
Kgosi ya Gungwe kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba o kopile lephata la temo-thuo go ema ka dinao go re batho ba gagwe ba bone ka botlalo ditirelo tsa balemisi.
Kgosi Musolina Mahola, yo a neng a amogela baeng ka letsatsi la ba lephata la temo-thuo la go isa ditirelo kwa bathong kwa motseng oo bosheng, o ntshitse ngongora ka gore molemisi yo o ba tlhokometseng o lebagane le go thusa metse e le meraro.
Kgosi Mahola o kaile fa go ka nna botoka go re motse wa Zwenshambe o nne le molemisi yo o lebaganeng le one o le nosi ka o na le palo e ntsi ya batho mme wa Gungwe o ne o ka pataganngwa le wa Gambule go thusiwa ke molemisi a le mongwe.
A re go lemotshega fa molemisi wa bone a imelwa ke go tlhokomela metse e meraro mme e bile ka ntlha ya palo e ntsi ya balemi kwa Zwenshambe a felela a diega go ya go thusa kwa Gungwe le Gambule.
Mo kgannye e nngwe, kgosi o ne a lela ka tlhaelo, ga mmogo le go tla thari ga dipeo, mo a supileng fa go kgaupetsa maiteko a bone a go itirela dijo.
A re peo e tlhaela thata mo balemi ba le babedi ba kgonang go kgaoganngwa kgetsi e le nngwe ya peo.
Fa a araba matshwenyego a ga Kgosi Mahola, mokwaledi wa lephata la temo-thuo, Dr Micus Chimbombio o ne a gwetlha morafe go ikgolaganya le komiti ya balemi-barui ya motse wa bone go tla ka metlhala ya go tokafatsa go tla ga dipeo kwa go bone.
A re komiti eo e ka kwadisa ba ba tlhokang dipeo ya bo ya itshwaraganya le ofisi ya selimisi go ya go di tsaya le go di abela balemi go na le go emela molemisi go etela motse wa bone. Dr Chimbombi a re go dira jalo go ka ba tlhofofaletsa botshelo le go tlhomamisa go re ga ba tlhaele ditirelo tsa lephata leo fa go sa ntse go sekasekwa kopo ya bone ya go okelediwa balemisi.
Mo ntlheng e sele, Dr Chimbombi o ne a gwetlha batsena-tiro ya letsatsi leo go tsamaalana le diphetogo tse di diragalang mo mohameng wa temo thuo.
O ne a ba rotloetsa go dira mekwalo e e supang tse ba di dirang mo merakeng le mo masimong a bone go re thuo le temo ya bone di nne le motlhala o o papametseng.
Dr Chimbombi o ne a ntsha sekai sa go re go botlhokwa go re barui ba supe ka mokwalo go re ba kentetse malwetse a fe le gone leng, go re go latedisa tse di diragalang mo thuong ya bone go nne bonolo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : Masunga
Event : Letsatsi go isa ditirelo kwa bathong
Date : 12 Mar 2013






