Breaking News

Ba Mmashoro ba a ikuela

11 Mar 2013

Banni ba Mmashoro kwa kgaolong ya Serowe Bokone Bophirima ba re ga ba na ditiro le mororo go na le dikhamphani tse dintsi tse di direlang mo motseng wa bone.

Ba ntshitse ngongorego e mo phuthegong ya kgotla, e e neng e tshwerwe ke mopalamente wa kgaolo ya bone, Rre Tshekedi Khama bosheng.

Ba supa fa ba ngongoregela gore banana ba motse wa bone ba felela ba batla ditiro mo lenaneong la Ipelegeng ka gore ga go na kwa ba ka yang teng.

Rre Khama, yo gape e leng tona wa lephata la tkologo, diphologolo le bojanala o ne a tlhalosa fa a tlaa bona gore seemo se se rarabolwa jang.

O ne a tlhalosetsa banni gore o ne a utlwa ka tshenyo e pula e e dirileng mo motseng wa bone, mme a tlatsa ka gore botlhe ba ba amegileng ba tsile go bona dithuso.

A re puso e ikaelela go thusa botlhe ba ba amilweng ke dipula mono ngwaga. O ne a abela bagodi dikobo di le lekgolo le masome a mabedi.

Mo go tse dingwe, Rre Khama o ne a gakolola batsadi go tlhokomela bana ba bone le lefatshe la bone. A re bana ba tshwanetse go gakololwa sentle gore ba tle ba nne baeteledipele ba tlhwatlhwa.

O ne a tlatsa ka gore fa ditlhabololo di tla mo motseng, di somarelwe gore bana ba tle ba di fitlhele di le mo seemong se se botoka. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : SEROWE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 11 Mar 2013