Balemi ba akola maduo a temo
11 Mar 2013
Balemi ba dinawa ba simolotse go oba letsogo mo ditemeng tsa dinawa tse ba dikileng ba di beile.
Mo potsolosong, balemi bangwe ba boletse fa dikgetsi tsa dinawa di tlaa nna teng e bile ba tlaa kgona go rekisetsa ba ba neng ba sa lema. Mongwe wa balemi bao, Rre Bokomane Seloka wa masimo a Polokabatho kwa Maun, a re ene o lema temo ya komelelo.
A re le fa go ntse jalo, o ne a tsaya tsia dikgakololo tsa balemisi mme a lema ditema tsa dinawa di le tharo ga mmogo le ya mmidi e le nngwe.
Rre Seloka a re mmidi o shele otlhe mo tshimong ya gagwe mme o setse ka dinawa fela. A re o ga dinawa tsa gagwe fa di setse di omile go di babalela mo dikgetsing, mme a tlatsa ka gore ka metlha mengwe o tsaya tse di metsi a apee nyebu.
Molemi yo mongwe wa masimo a Tshaadamo, Rre Mphato Bakgori le ene o lebogetse dikgakololo tsa balemisi fela thata. A re le fa dijalo tsa gagwe tse dingwe di gaupantswe ke letsatsi, o nona pelo fa a tsena ka kgoro ya tshimo ya gagwe.
Rre Bakgori a re dinawa tsa gagwe di di tala e bile o bapala morogo go o omisa le gone go shaba ka one.
O tlhalositse fa monongwaga a ikaeletse go katolosa tshimo ya gagwe go lema ditema tse di botoka tsa dinawa. Molemi yo, o gakolotse balemi ka kakaretso go ikanya dikgakololo tsa balemisi le go lema dinawa ka di siametse temo ya komelelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keagisitswe Dioka
Location : MAUN
Event : Potsolotso
Date : 11 Mar 2013






