Mananeo a puso a ka fedisa letlhoko la dijo
11 Mar 2013
Batho ba Mbalambi mo kgaolong ya bokone botlhaba ba rotloeditswe go ema ka dinao go lwantsha tlala mo malwapeng a bone.
E rile mothusa mokwaledi kwa lephateng la temo-thuo, Mme Oemetse Nkoane a bua kwa letsatsing la go isa ditirelo kwa bathong kwa motseng oo bosheng, a ikuela mo morafeng go dirisa mananeo a puso a a farologaneng go fedisa letlhoko la dijo mo malwapeng.
Mme Nkoane o ne a supa matshwenyego a go re go santse go na le malapa mangwe a a tshelelang mo tlaleng le ntswa puso e dira go le go ntsi go fetola seemo se.
A re lephata la temo-thuo le dira go le go ntsi go tlhomamisa go re Batswana ba na le dijo tse di lekaneng, mme a gatelela botlhokwa jwa go re batho ka bongwe jwa bone ba ikitee ka thupana go rotloetsa maiteko a puso.
Ka jalo, Mme Nkoane o ne a ikuela mo bathong ba motse oo go amogela le go dirisa ka botlalo mananeo a a farologanyeng a lephata la temo-thuo a akaretsa la ISPAAD le la LIMID.
O ne a gwetlha batsena tiro ya letsatsi leo go sekegela tsebe dikgakololo tsa ba lephata la gagwe, a re go dira jalo go ka ba thusa go ntsha dijo tse di ntsi tsa boleng.
Mme Nkoane o ne a gwetlha banana go inaakanya le temo-thuo, a bolela fa go ntshetsa lefatshe leno dijo go le mo maruding a bone mme ba tshwanelwa ke go simolola go dira jalo ntle le tiego epe.
Mme Nkoane o ne gape a kgothatsa badirela puso go dirisa mananeo a a maleba a lephata la temo-thuo a tshwana le la ISPAAD ka a diretswe Motswana mongwe le mongwe.
A re go dira jalo, e tlaa nna thotloetso mo setshabeng ka kakaretso go re mananeo a ka boammaaruri a a dira mme e bile a na le mosola.
E ne e rile pele a amogela baeng, mongwe wa magosana a Mbalambi, Rre Scotch Makhulumo a supa fa motse wa gaabo o saletse morago mo go akoleng mananeo a puso ka go farologana.
O ne gape a supa matshwenyego ka go sa thusiweng sentle ga morafe fa ba ile go kopa dithuso kwa diofising, a re seemo se se kgoba bangwe marapo mme ba felele ba sa kgona go tokafatsa matshelo a bone.
Le fa go ntse jalo, Kgosana Makhumalo o ne a akgolela ba temo-thuo thulaganyo ya bone ya go isa lephata kwa bathong, a supa tsholofelo ya go re e tlaa nna Tshimologo ya go bona batho ba motse wa Mbalambi ba amogela ditirelo tsa lephata leo ka botlalo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : MASUNGA
Event : Thuto puisanyo
Date : 11 Mar 2013






