Dititeo tsa baratani di opisa tlhogo
10 Mar 2013
Mookamedi wa mapodisi a Ramatlabama, Superintendent Tshegofatso Mokumakwa a re o tshwenngwa ke dititeo tsa baratani mo kgaolong ya gagwe.
E rile a bua mo potsolosong, Superintendent Mokumakwa a re ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe wa Hebron a neng a keteka mokapelo wa gagwe kgwedi eno e tlhola malatsi a le mararo. A re go lebega baratani bao ba ne ba tlhoka kutlwano. Bobedi joo bo dingwaga di fa gare ga masome a mabedi le borobabongwe le masome a mararo.
Kwa motseng wa Pitsane le gone ba nnile le dititeo tsa baratani di le pedi. O tlhalosa fa mme mongwe wa dingwaga tse di masome mane le bosupa yo o tlholegang kwa Ngwatsau, a iteilwe ke mokapelo wa gagwe kgwedi eno e tlhola malatsi a le mane. A re mosekisiwa o tlaa ya kgotleng tebang le molato oo.
Superintendent Mokumakwa a re dititeo tseo gantsi di diragala kwa marekisetsong a bojalwa le mo malapeng a a santseng a rekisa majalwa a a seng ka fa molaong, a tlhalosa gore bontsi jwa dititeo tseo ke tsa baratani ba banana tse di bakwang ke go fela ga botsala jwa bone.
A re baratani ba tshwanetse go tlhaloganya gore fa lerato le fela ga le a tshwanela go tsisa kutlhobotlhoko e e felelang e gapile botshelo jwa yo mongwe. O kgothaditse banana go ikgapha mo go direng jalo. E re dikgang di eme jalo, Superintendent Mokumakwa a re monna mongwe wa dingwaga tse di masome mararo le bobedi o tlaa itshupa fa pele ga lekgotla morago ga go tlhoka go itshwara sentle.
A re monna yoo wa Good Hope e ne ya re kgwedi eno e tlhola malatsi a le mararo a kgoreletsa mapodisi fa ba ne ba theogotse bosigo kwa lefelong la maitiso la Mogobeng kwa Pitsane ka go tsena mo koloing ya bone ka bojalwa. E ntse e le kwa Pitsane, Superintendent Mokumakwa a re ba tlhotlhomisa go thujwa ga marekisetso a bojalwa le a dijo mme ga utswiwa bojalwa, dijo le motsokwe.
A re madi a dilwana tse di utswilweng ke P4 419, a tlhalosa fa ba sa ntse ba le mo motlhaleng wa go tshwara babelaelwa ba ba duleng ka marulelo a marekisetso ao. Mo go tse dingwe o tlhalositse fa ba tshwenngwa ke mokgwa wa go tlola terata ya molelwane ka bokukuntshwane le go utswiwa ga leruo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : RAMATLABAMA
Event : Potsolotso
Date : 10 Mar 2013






