Letshoroma le tlhasetse Nhabe
06 Mar 2013
Kokelo ya Letsholathebe II Memorial kwa Maun e rurifaditse koketsego ya dipalo tsa bolwetse jwa letshoroma mo go menaganeng fa go bapisiwa le dipalo tsa ngogola.
E rile a bua mo potsolotsong, mogolwane wa sepatela seo, Dr Christopher Chembe a tlhalosa gore mo lobakeng la Firikgong go fitlha ka Phatwe ngogola, ba ne ba nna le balwetse ba letshoroma ba le lesome le bone.
A re mme monongwaga fa gare ga Firikgong le beke ya bobedi ya Tlhakole, ba ne ba setse ba na le palo ya masome a mane le go feta, ntswa paka ya letshoroma e ise e fete. Dr Chembe o tsweletse ka go re bolwetse jo bo bonala thata kwa Mababe, Xhai, Shorobe le mafelo a mangwe a a mabapi.
A re ba eme sentle go lwantsha letshoroma, mme a tlhalosa go re lefatshe la Botswana le na le tebelopele ya gore e re ka 2015 go bo go sena bolwetse joo mo lefatsheng. Mo nakong eno, lefatshe le tllwaafaletse go lwantsha bolwetse joo thata, mme Dr Chembe a re fa molwetse a supa dikai tsa bolwetse joo, ba mo tsaya madi go bo tlhatlhoba, ebile ba latele le masika go ba tlhatlhoba.
A re ba belaela go re dipula tsa ngogola tse di neng tsa gosomana di ne tsa gakatsa monang ka bojang bo ne ja gola thata.
Dr Chembe a re le ntswa ba leka go lwantsha monang ka go gasa molemo o o bolayang, batho bangwe ba gana go tshelelwa molemo ba re o a ba nkgela, ba ntsha le mabaka a mangwe. A re ba kopa tirisano mmogo mo go lwantsheng letshoroma, mme o kopile batho go apara diaparo tse di ka thibelang monang ba bo ba dirise lesire le le thibelang monang le gone go letlelela go tshelelwa molemo o o bolayang monang mo matlong a bone.
O bile a rotloetsa morafe wa kgaolo go itsise ba bongaka ka dikai dipe fela tsa bolwetsi joo, a re ba na le melemo e le me ntsi fela thata go ka alafa molwetsi mongwe le mongwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mercy Sauzoo
Location : Maun
Event : Potsolotso
Date : 06 Mar 2013






