Bagwebi ba lela ka tlhaelo ya marekisetso
06 Mar 2013
Bagwebi ba dikgwebo tse di potlana kwa Palapye ba lela ka tlhaelo ya marekisetso, e e dirang go re ba rekisetse gongwe le gongwe.
Mo potsolosong, Mogwebi mongwe Mme Tiego Radipotsane o ne a tlhalosa fa ene a itlhophetse go rekisetsa gaufi le marekisetso a Supreme Furnitures ka go na le batho ba le bantsi ba ba tsaamaelang teng.
O boletse fa a ne a tsaya mokwalo o o mo letlelelang go nna mogwebi kwa khanseleng potlana ya Palapye mme a ipatlela lefelo le a ka rekisetsang fa go lone.
Mme Radipotsane a re ga a duelele lefelo le a rekisetsang mo go lone. A re o duelela teseletso ya go gweba morago ga dingwaga tse pedi fela.
Fa a tswelela, Mme Radipotsane o supile fa a rekisa diaparo, dithoro le tse dingwe jaaka digalase tsa matlho. A re o tlhokometse marekisetso a gagwe ka go a phepafatsa e bile ke gantsi a tswaraganela le bagwebi ka ene phepafatso e e tseneletseng.
Le fa go ntse jalo a re go tlhoka lefelo le le babalesegileng la thekiso go mo jesetsang mo kgobedung bogolo jang fa dipula di na. Mongwe wa bagwebi, Mme Esther Mazaza o kaile fa ene a rekisetsa mo lefelong le le kileng la bo le dirisiwa ke matsalaagwe yo o sa tlholeng a le mo botshelong.
O boletse fa a itshetsa ka go rekisa dilo di tshwana le mafetlho, diemere le dibata tsa tshipi ka jalo lefelo le a le dirisang le mo thusa. Mme Mazaza o ne a tlatsa ka go re o phapefatsa marekisetso a gagwe maphakela fa a goroga gore go lebege sentle.
Mme Onalenna Tshomane yo o thapilweng go rekisa mo kgwebong o supile fa kgwebo e tsamaya sentle mme bothata e le lefelo le a rekisetsang mo go lone.
O tlhalositse fa go tlhoka lefelo la thekiso go dira go re bagwebi ba ba botlana ba kgotlhagane mo lefelong le le lengwe. A re fa maemo a bosa a sa siama go ne go ama kgwebo ya gagwe ka a ka se rekisetse mo puleng mme go ame kgwebo.
Le fa go ntse jalo khansele ya Palapye e ikaelela go simolola kago ya maemelo a dipalamo tsa setshaba a a tlaa bong a na le metlaagana e bagwebi ba ba botlana ba ka rekisetsang mo go yone.
Kago eo e tlaa simolola mo ngwageng o mosha wa madi wa 2013/1014. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Metlha Mothogaesi
Location : PALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 06 Mar 2013






