Dikole di rotloediwa go reka mo gae
05 Mar 2013
Tona wa lephata la thuto le tlhabololo dikitso, Mme Pelonomi Venson-Moitoi o tlhaloseditse batho ba Zwenshambe gore dikole di tshwanetse go ema nokeng dikgwebo tsa mafelo a di leng mo go one ka go reka mo go tsone.
O ne a bua kwa phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama kwa motseng oo ka Labone.
Dikole di laetswe go reka mo dikgwebong tse di gaufi le tsone, pele ga di ka tswela ka kwa ntle fa dithoto kana ditirelo tse di di tlhokang di lopa madi a a sa feteng P100 000.
O ne a supa fa tsamaiso e, e le maiteko a puso a go tataisa dikgwebo tse di potlana tsa beng-gae gore le tsone di kgone go bona sebaka se sentle sa go itshetlela le go gola.
E ne e rile go le pele, monana wa Zwenshambe, Mme Sesupo Mokgethi a ngongorega mo go Tautona gore banana ba ba tseneng mo kgwebong ka thuso ya mananeo a puso ga ba fiwe sebaka sa go rekisetsa maphata a puso dithoto le ditirelo ka ba sa kgone go diragatsa mabaka a a beilweng ke lekalana la theko le thekiso la PPADB.
O ne a ikuela mo pusong go fa bagwebi ba banana dingwaga tse pedi ba phadisanela ditiro tsa puso pele ga ba ka lopiwa go tsamaelana le tse di tlhokwang ke PPADB.
Mme Mokgethi o ne a bolela fa go dira jalo go ka tlhomamisa gore dikgwebo tsa bone di bona letseno le le ka di kgontshang go gola le go fitlhelela tsotlhe tse di tlhokegang mo kgwebong nngwe le nngwe.
Le fa go ntse jalo, Mme Mokgethi o ne a rolela puso hutshe ka thuso e e e fang banana, a tlhalosa fa mananeo a yone a banana a tlaa kgona go tlodisa bontsi jwa bone melatswana e tletse.
Kwa Mulambakwena banni ba ne ba lebogela mananeo a a farologanyeng a puso e a fang Batswana.
Kgosi Sam Jorowe o ne a supa fa mananeo a tshwana le a Ipelegeng, ISPAAD le LIMID a le botlhokwa thata mme e bile a ogola ba le bantsi mo isong.nKgosi Jorowe o ne gape a lebogela go baakanngwa ga tsela ya Sebina/Mulambakwena. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : Masunga
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 05 Mar 2013






