Breaking News

Bogosi bo tshwentswe ke dipolaano

03 Mar 2013

Bogosi jwa motse wa Palapye bo tshwenyegile thata ka dipolaano tsa baratani ga mmogo le batho ba ba ikgapelang botshelo.

Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Palapye, Kgosi Raditanka Ntebele o boletse go re motse wa Palapye o tlhasetswe ke dipolaano tsa baratani le batho ba ba ikgapelang botshelo, a re ke sone se a biditseng phuthego go tla ka metlhala ya go lwantsha seemo se.

O tlhalositse fa Palapye e setse e na le dintsho tse di kwa godimo tse di bakwang ke go bolaana ga baratani, a fa sekai ka tiragalo ya bosheng e mo go yone rre mongwe a ileng a bolaya mokapelo wa gagwe kwa masimong a Dikabeya.

Mothusa kgosi Rre Klaas Motshidisi ene o ne a rotloetsa bakapelo ba ba nnang mmogo go ititaya ka thupana go re ba nyalane ka fa molaong go itsa dikgotlhang mo loratong. A re go ka thusa gape go hema kgaruru fa yo mongwe a tlhokafetse bogolo jang dikgang tsa go lwela dithoto le ditsha.

Fa a ba kgwa dikgaba, mongwe wa banni, Rre Obusitse Goepamang o gakolotse batsadi go re ba lese go letlelela bana ba bone go nna le bakapelo mme ba sa nyalana ka go senya motse oo leina ka dikgang tsa dipolaano.

Moruti wa Apostolic Faith Mission Rre Lawrence Mmemo o ne a ntsha kgakololo ya gore go nne le komiti e e tlaa rotloetsang ba ba nnang botlhe sa nyalana gore ba tsene mo nyalong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Metlha Mothogaesi

Location : Palapye

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 03 Mar 2013