Letlhoko le dia ditlhabololo
03 Mar 2013
Letlhoko la madi mo sekoleng se sebotlana sa Magalatladi kwa Thamaga le dia ditlhabololo fela thata.
Se se boletswe ke mokwaledi wa komiti ya batsadi le barutabana ya sekole seo, Mme Gaopalelwe Piitane mo phuthegong bosheng.
Mme Piitane o ne a tlhalosa fa ba na le letlhoko le lentsi fela thata la madi mo sekoleng sa bone mme ba na le ditlhabololo di le mmalwa tse ba neng ba di eletsa.
O ne a tlhalosa fa mo sekoleng sa bone go na le mmu o montsi, o o bakang lerole, le le ka feletsang le lwatsa bana jaanong ba ne ba eleditse go ka ala ditena fatshe go ka fema lerole leo, mme ka jaanong go se na madi se o se pala.
Mme Piitane o tsweletse ka go tlhalosa gore matlwana a borutelo le one a tlhoka go ntshafadiwa, a tlatsa ka gore tlhaelo e e kwa godimo ya dibuka le dirisiwa tse dingwe tsa thuto le tsone di kgoreletsa thuto.
O ne a tlhalosa gore mo sekoleng go na le dikhompiutara di le supa mme go bereka di le nne fela. A re go botlhokwa fela thata gore bana ba ithute go dirisa maranyane a dikhompiutara ba sa le babotlana.
O ne a ikuela mo batsading go ba thusa ka go ntsha madi a ditlhabololo a bua fa batsadi ba le boitseme fa ba tshwanetse go ntsha madi a. O ne a tlhalosa fa madi a, a dirisediwa dilo di le dintsi jaaka go baakanyetsa bana sepalamo le dijo fa ba tsaya maeto a sekole a akaretsa a metshameko, go reka didirisiwa tse di tlhaelang mo sekoleng.
Mme Pitane one a tlhalosa fa ba ntshitse megopolo e le mmalwa ya go bona gore ba ka lwantsha jang dikgwetlho, jaaka go kopa thuso mo go boradikgwebo le go ithotloetsa ka dikgwebo tse dipotlana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gofaone Makhaya
Location : Thamaga
Event : Phuthego ya Sekolo
Date : 03 Mar 2013






