Setshwarwa ke ntsa pedi...
28 Feb 2013
Bagwebi ba phane kwa kgaolong ya Mmadinare ba re ba lemogile fa go le botlhokwa gore ba ikopanye.
Ba sweditse jalo mo diphuthegong tse di neng di tshwerwe ke tona wa papadi le madirelo, Mme Dorcas Makgato-Malesu kwa Mogapi le Maokatumo bosheng. Ba boletse fa go sa kopaneng ga bone go sa siama ka jaana mongwe le mongwe a ipeela tlhwatlhwa ya gagwe.
Ba supa fa ba lemogile gore bareki ba ba ja ntsoma, ka jalo ba patelesega go diga ditlhwatlhwa, dipoelo di bo di wela tlase. Ba lemogile fa ba itlhabile ka thipa mpeng ka go sa tseye kgakololo ya kgosi gore ba rekisetse golo go le gongwe, ba dumalane ka ditlhwatlhwa.
Bangwe ba bone ba boletse fa kgaolo ya Kgagodi e oka batho ba le bantsi ka phane e ntsi kwa mme ba ka godisa bojanala kwa motseng wa bone. A re batho ba tswa kgakala le kwa Afrika Borwa go tla go bapala le go reka phane, mme ba ka bona dipoelo tse dintsi fa ba ka tsena mo mhameng wa bojanala.
Kgosi Ismael Ditsela wa Mogapi o ne a supa matshwenyego ka batho ba ba tswang kwa dikgaolong di sele ba ba bapalang phane a re ba tsisa mathata mo motseng oo ka go sa saleng melao ya go bapala phane morago.
O file sekai sa gore bangwe ba bone ba kgotlela tikologo fa ba nna mo sekgweng go se na matlwana a boitiketso e bile ba tlhapela mo letamong le ba nosang mo go lone.
Tona wa tsa papadi le madirelo, Mme Makgato-Malesu o ne a tlhalosa fa puso e ka seka ya baya tlhwatlhwa ya phane ka e le selo se se dirwang ke mebaraka.
O tsweletse a re e re ntswa Motswana a na le thata ya go bapala phane kwa a eletsang teng, tsamaiso ke gore ba ipege mo bogoging jwa motse o ba bapalang phane mo go one. A re batho ba tshwanetse ba tlhokomela tikologo ka go e tlogela jaaka ba e fitlhetse.
Rre Wazha Lucas wa lephata la dikgwa le tlhokomelo ya di-tsa-tlholego kwa Serowe o tlhalositse fa ba nnile le mathata a go fa batho diteseletso tsa go bapala phane ka ba ne ba sa itse fa ba tlaa nna bantsi.
O gakolotse banni ba Mogapi go ipopa mme ba dire mokgatlho o o tshwanang le e e dirilweng ke merafe e e nnang gaufi le mafelo a bojanala gore ba tle ba bone dipoelo ka ba ka kgethisa mongwe le mongwe yo o bapalang phane mo thoteng ya bone. ENDS
Source : BOPA
Author : Tebagano Ntshole
Location : Mogapi, Maokatumo
Event : Phuthego
Date : 28 Feb 2013






