Breaking News

Mebutla e bogadi bo gaufi

16 Jul 2014

Mme Pini Thamae yo o tlholegang kwa Tutume ke mongwe wa barui ba ba inaakantseng le thuo ya mebutla.

Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Thamae a re o setse a na le boitseanape jwa go itse gore mebutla e rata eng e bile ga e rate eng le gone go ntsifala ga yone.

Mme Thamae a re o simolotse  thuo e  ngwaga o o fetileng ka go reka mmutla  o monamagadi le o motonanyana mme mo nakong eno o setse a na le e le masome a mararo, mo godimo ga moo o rekisitse e ka feta lesome. 

Le fa ntswa a ruela mo lwapeng, ga a oshaoshe fa go tla kwa tlhokomelong ya yone.  O boletse fa a na le matlwana a mebutla e nnang mo go one mme a e kgaogantse gore e mennye e nne go sele, marobana le e metonanyana e nne le matlwana a yone.

A re mmutla ke phologotswana e e ratang bophepa, ka jalo o netefatsa gore matlwana ao a nna a le phepha. O bile a tlhalosa gore mmutla ga o na nako ya go tsala o laolwa ke kgoro, a tlhalosa gore fa e kgora sentle kgwedi le kgwedi o solofela mebutlana. 

A re mmutla o le mongwe o kgona go tsala borobabobedi. Mme Thamae a re o nnile le kgatlhego ya go rua mebutla morago ga go lebelela thulaganyo ya temo thuo e e gasiwang mo thelebishining ya Botswana Mosupologo mongwe le mongwe.

A re le fa a sa dira dipe dithuto tse di tsamaelanang le thuo ya mebutla, o tsaya thotloetso mo go morwadie yo o ithutileng ka mebutla kwa sekoleng se segolwane. 

O boletse fa thuo ya mebutla e sa tsenye dingalo mme se se botlhokwa e le go netefatsa gore fa e nnang teng go phepha, go tsena phefo gape go na le dijo le metsi tse di phepha.

O tlhalositse fa mebutla e tshela ka dijo tse di motlhofo go bonala, di tshwana le marotse a a kgabetleletsweng, matlhare a morogo, digwete, moroko le matlhare a dinawa.

Le fa go ntse jalo, o supa fa thuo ya mebutla le yone e na le dikgwetlho, a re fa go le mariga tsholo e wela kwa tlase gape fa go nna mogote o o feteletseng mebutlana e a swa.  A re se sengwe ke gore mebutla ga e rate go sukagana.

Mme Thamae a re le ntswa dikgwetlho di le teng, se se mo itumedisang ke gore kgwebo e bogadi bo gaufi, a re mebutla e nna mo seemong sa go ka rekisiwa le go jewa morago ga dikgwedi di le thataro. 

A re bareki ba gagwe ke banni ba motse, ba ba rekelang go shaba kgotsa go rua. Mme Thamae ke mongwe motsadi yo o sa iponeng tsapa go rotloetsa thuto ka jaana o setse a abetse sekole se se botlana sa Selolwane gone mo motseng wa Tutume mebutla e le mebedi, o motonanyana le o monamagadi.

 A re, maikaelelo a se, ke go rotloetsa gore bana ba sekole ba rutwe ka tlhokomelo ya yone. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 16 Jul 2014