Banana ga ba dirise dikereke sentle
26 Feb 2013
Go tswa goo-Lowe, go itsege gore dikereke ke tsone di ka agang setshaba, mme le fa go ntse jalo, kwa Letlhakeng gone ke go sele ka go utlwala gore banana ba motse oo ba dirisa dikereke botlhaswa.
Mothusa modulasetilo wa komiti ya baruti e bile e le modulasetilo wa komiti ya twantsho borukutlhi ya motse oo, Rre Keboatlhotswe Medupe, o tlhalositse fa banana ba kgaolo ya gagwe ba ntshitse kereke kwa ba ka dirang boitaolo teng, bogolo jang ka di tsena bosigo.
Rre Medupe o kaile fa dikereke tse disha e le tsone di dirang gore banana ba tlhoke tsebe ka go aparwa marokgwe mo go feletsang go diga dikereke tse di ntseng di le teng seriti.
O boletse fa banana ba tshabelelwa ke go ima ba ntse ba tsena dikereke ka ba di dirile seipato sa go dira boitaolo, mme a supa fa go sa sireletsega gore bana ba basetsana ba tsamae masigo ka ba ka felela ba beteletswe kana ba gobadiwa ke dilalome.
O tsweletse ka go supa fa dikereke dingwe di lala di tsositse modumo mo motseng go sa itsisiwe komiti ya bone le fa e le jone bogogi jwa motse tota. O ne a supa fa tshwaragano ya batsadi le baruti e ka lwantsha mathata a, ka kgetse ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa mme e bile banana e le bone bagogi ba lefatshe leno ba ka moso.
O bile a kgothatsa batsadi gore ba bone gore a dikereke tse ba di tsenang ke tsa boammaaruri le gore ga di ba ntshe mo tseleng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Matlhogonolo Madianakedi
Location : Letlhakeng
Event : Puisanyo
Date : 26 Feb 2013






