Ga ba itumedisiwe ke thuso ya ngaka
26 Feb 2013
Banni ba Letlhakeng kwa Kweneng bophirima ba re ga ba kgotsofadiwe ke thuso e ba e fiwang ke ngaka nngwe e e direlang kwa motseng wa bone ka jaana a se na botho e bile a le boitseme mo tirong .
Ba ne ba bua kwa pitsong ya botsogo, kwa Letlhakeng bosheng. Mongwe wa bangongoregi, Mme Emily Kasemang, a re ngaka eo e a ba kgadimola mme fa ba ngongorega o ba akgela diatla a re ba ye go ikuela kwa pele.
Mme Stella Segwagwa, le ene o ne a supa fa e bile ba sa tshephe thuso e a e ba fang, ka jalo a ikuela mo bagolwaneng go mo fudusetsa kwa lefelong le sele ka gongwe a tlaa tokafala fa a goroga koo.
Banni ba supile gape fa ngaka yoo a sa utlwe Setswana, mme ba ba mo ranolelang e le mongwe le mongwe yo o gaufi, ka jalo diphiri tsa bone di felela di gasama le motse, ka batho bao ba sa rutwa ka botlalo ka boitsholo jo bo solofetsweng mo badiring ba botsogo
Mookamela lekalana la lephata la botsogo kwa kgaolong ya Kweneng bophirima, Dr Terrence Mukuhwa, o ne a gatelela botlhokwa jwa gore bodiredi jwa botsogo bo nne le mowa wa setho, tirisano, go berekela mo nakong, ga mmogo le go tshegetsa sephiri sa molwetse.
Dr Mukuhwa o supile fa a tsere kgang eo mofago mme a tlaa bitsa ngaka yo o amegang, go mo lebisa dingongora tsa morafe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Shelly Kasefitlhela
Location : LETLHAKENG
Event : Pitso
Date : 26 Feb 2013






