Breaking News

Morero o a tlhaela kwa Tutume

16 Jun 2014

Makhanselara a kgaolo potlana ya Tutume a boletse fa therisanyo e saletse morago mo kgaolong eo jalo go dira gore ditlhabololo le tsone di salele morago.

Ba buile seo fa ba lekodisa molaodi wa kgaolo ya Legare, Mme Thobo Mapitse, modulasetilo wa khansele ya Legare, Rre Lesego Raditanka le mokwaledi wa kgaolo eo, Rre Gaolathe Dipholo mo phuthegong ya khansele potlana ya Tutume bosheng.

Makhanselara ka bontsi a supile fa ditlhabololo di tsamaya ka bonya, tse dingwe di dirwa ntle ga kitso ya bone e bile ba ba di dirang ba seke ba iponatsa mo khanseleng go tla go ba tlhalosetsa ka fa ba tsweletseng ka teng.

Mokhanselara wa Tutume Bophirima, Rre Ishmael Mokgethi o boletse fa ba kopana le matshwenyego a mantsi kwa dikoleng jaaka a dijo tsa baithuti tse di sa gorogeng sentle. 

O tlhalositse gape fa dikomiti tse di mo kgaolong di sa tsene diphuthego, bogolo jang ya botsogo e e okametseng dikokelo le dikokelwana.

Rre Mokgethi a re komiti eo e botlhokwa thata ka mo go yone ba bega ka botsogo jwa setshaba go lebilwe ka fa  malwetse a  amang batho ka teng le dithuso tse  ba ba amegileng ba di bonang.

A re ba nna ba bolelelwa fa e tla isa pego kwa khanseleng ya Legare, a re seo se ba baya ka fa mosing go utlwa dikgang tsa kgaolo ya bone ba le kwa khanseleng e tona ntswa ba ne ba tshwanetse go tsamaya ba na le kitso ya se se diragalang mo kgaolong.

O supile ofisi ya ga molaodi ka monwana, a re ga ba dirisanye sentle le yone, a tlhalosa fa  morero le tshwaragano e le tsone tse di ka dirang gore ba kgone go isa ditirelo kwa bathong ka nako e bile ba le moono mongwe.

Mokhanselara wa Tutume Borwa, Rre Imi Phili o  boletse fa ditlhabololo di saletse morago fela thata. 

O dule ka mogopolo wa gore go nne le komiti e e sekasekang ditlhabololo mo kgaolong ya Legare.

Rre Phili a re ka komiti eo, go tla nna go lebelelwa ditlhabololo mo dikgaolong tsotlhe tse di mo kgaolong eo, mme e re go abiwa go lebelelwe kwa go santseng go saletse morago gore dikgaolo di thuswe ka go lekalekana go itsa kgang ya go isa ditlhabololo ntlha e le nngwe.

Baeteledipele ba kgaolo ya Legare ba ne ba dumela fa kgaolo eo e saletse kwa morago mo ditlhabololong, mme ba dumalana le kgang ya gore go dirwe komiti e  e sekasekang ditlhabololo mo kgaolong.

Modulasetilo wa khansele ya Legare, Rre Raditanka o kopile badirelapuso go nna seopo sengwe le makhanselara le go rerisanya le botlhe gammogo le go thusa mongwe le mongwe.

A re fa bangwe ba ka gogela ntlha e le nngwe, yo o yang go babalelwa ke manokonoko ke motho yo o tshwanetseng go amogela dithuso kana ditirelo tsa puso ka nako. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Buyendasi

Location : TUTUME

Event : Phuthego ya khansele-potlana

Date : 16 Jun 2014