Makhanselara a lela ka ditlhwatlhwa tsa motlakase
24 Feb 2013
Makhanselara a kgaolo ya bokone botlhaba ba supile ngongora ka ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa kgokelo ya motlakase.
Fa ba bua kwa phuthegong ya khansele, makhanselara ba ne ba ikuela mo koporasing ya motlakase ya Botswana Power Corporation (BPC) go ela seemo se tlhoko ka se baya Batswana ba le bantsi ka fa mosing. Mokhanselara wa Siviya, Rre Bakani Badziili o ne a supa fa go tshwenya gore le fa puso e ne ya tla ka moono wa gore go nne le tuelo e e lekanang ya go gokela motlakase mo malwapeng, Batswana ba bo ba santse ba lopiwa dituelo tse di sa lekaneng.
O boletse fa mo kgaolong ya bokone botlhaba go na le bangwe ba ba filweng kakanyetso-dituelo tsa madi a a fetang P200 000, a tlhalosa fa seemo se se ngomola pelo ka jaana e se dipalo tse di kalo tsa Batswana ba ba ka kgonang go duela madi a a kalo.
Mokhanselara, Mme Ruth Dlodlo wa Tati Siding o ne a ngongorega ka tiego mo go gokeleng motlakase le morago ga go duela.
Fa a latlhela la gagwe, Mokhanselara Damien Thapa wa Makaleng o ne a kopa gore koporase ya motlakase e itsese setshaba fa e le gore tlhwatlhwa e e beilweng ya kgokelo ya P5 000 ga e sa tlhole e le mo tirisong.
A re kgang ya gore bokgakala jwa ditshipi tsa phatlalatso motlakase le malapa a baikopedi ke jone bo isang ditlhwatlhwa tsa kgokelo kwa godimo ga e utlwale, ke seipato sa go lopa batho dituelo tse di sa kgonegeng.
Mokhanselara Farayi Bonyongo wa Nlapkhwane o ne a itela mo go ba BPC go ne ba bega ka seromamowa le thelebishine dinako tse motlakase o tlaabong o se yo ka tsone mo mafelong a lefatshe leno ka go farologana.
A re go ka thusa setshaba go nna se ipaakantse go tila go senyegelwa ke didirisiwa tsa motlakase fa o kgaoga.
Fa a tshwaela, Mokhanselara Moses Maloiso wa Tshesebe o ne a kaya fa BPC e gabile dipoelo fela e seng go thusa batho.
E ne e rile pele, mogolwane wa khamphani ya motlakase go tswa Francistown, Rre Gift Pelaelo a tlhalosetsa khansele fa tlhaelo e e tsweletseng e dirwa ke go bo lefatshe la Afrika Borwa le le ntseng le thusa lefatshe leno ka motlakase le sa tlhole le kgona go thusa jaaka le ne le dira pele.
A re seemo se se etesegeditswe gape ke dikgwetlho tse di paledisitseng mafetlhelo a motlakase a Morupule-B go simolola go dira ka nako e e neng e solofetswe.
A re ka mabaka a, kgaogo ya motlakase e tlaa tswelela go fitlha ka Seetebosigo fa Morupule B e tsena mo tirisong.
O boletse fa go sa kgonege go itsese setshaba gore motlakase o tlaa kgaoga leng kae, ka jaana BPC e seke e itse gore Afrika Borwa e tlaa ba fokoletsa motlakase ka dinako di fe.
Rre Pelaelo a re koporasi ya bone ga e a gaba dipoelo fela jaaka bangwe ba akanya.
A re sesupo ke gore ba kgona go tsibogela ikuelo ya kgaogo ya motlakase sekgala se se leele ba dirisa ditshenyegelo tse di seng kana ka sepe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : Masunga
Event : Phuthego ya khansele
Date : 24 Feb 2013






