Masisi o ganetsa magatwe
12 Jun 2014
Mopalamente wa Moshupa, Rre Mokgweetsi Masisi o boletse fa Tautona Lt. Seretse Khama Ian Khama a fiwa dithata ke molao motheo wa Botswana go tlhopha matona a puso le go a kabakanya morago ga therisano e e tseneletseng.
O buile jalo fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Ralekgetho mo kgaolong ya gagwe ya botlhophi.
Rre Masisi o boletse fa e rile bosheng tautona a dirisa molaomotheo go bua le ene go dira gore a nne motshwarelela tona wa thuto, fa tona Dr Pelonomi Venson-Moitoi a filwe tiro e e faphegileng ya tsa thuto mme e santse e le tona.
Rre Masisi o ganeditse magatwe a batho bangwe ba ba bolelang fa tautona a dirisitse maikutlo a gagwe a sa leba molao motheo e bile a bolela fa ba iphatlha ka diphuka fela, ka tautona a ne a mo rerisa e bile le ene a dumetse go nna motshwarelela tona.
O boletse fa maduo a thuto a ntse a le bokoa thata jalo tautona a bona gore sengwe se dirwe go lwantsha seemo se. O ganediste dikgang tsa gore tautona ke mokgokgontshi, a bolela fa tautona e le motho wa morero.
Le fa gontse jalo, Rre Masisi o boleletse banni fa ba tshwanetse go tshwaraganela thuto ya bana ba bone le barutabana, a bolela fa thuto e simolola kwa lwapeng. O ba rotloeditse go fa bana ba bone lerato, ditlamelo tsotlhe tsa botshelo le go boifa Modimo.
O boletse fa puso e tshwentswe thata ke bana bangwe ba dikole ba ba dirisang ditagi mme ba tlhapetse barutabana le go inaakanya le ditiro tse di maswe tsa borukutlhi.
A re puso e lwa ka gotlhe go tokafatsa thuto mme e ka kgona fela ka kemo nokeng ya batsadi.
Le fa gontse jalo, Tona Masisi o tlhaloseditse banni ka melao mengwe e e fetisitsweng kwa palamenteng e e fetileng, go balelwa wa nyalo wa tlhakanelo dithoto le wa batswakwa bangwe ba ba ka belaelwang gore ba borai mo lefatsheng morago ga ditlhotlhomiso gore jaanong go batliwa gore tona wa lephata leo e nne ene a bayang monwana gore motho wa sebopego seo a kobiwe mo lefatsheng, go na le gore go saene tautona jaaka gone go dirwa.
E rile ba mo kgwa kgaba, banni ba itumelela gore monongwaga ba tsile go ora molelo wa mariga ka gonne ba kgonne go lema, ntswa sebe sa phiri ele leruo le le senyang mo masimong ka beng ba lone ba sa le tlhokomele.
Ba ngongoregile thata ka badisa, ba bolela fa ba diiwa ke go nwa bojalwa ba lesa leruo le senya mo masimong. Banni ba lebogetse mananeo a puso ba bolela fa a ba thusitse go inamola mo lehumeng le le neng le ba aparetse.
Ba boletse fa batho ba ba bolayang ba bangwe ba tshwanetse go tlhatlhelwa mme ba seka ba fiwa sebaka sa go letela tsheko kwa ntle, ba supa fa ba tla a itseela molao mo diatleng fa ba bona motho wa mofuta oo.
Tona Masisi yo o tsamayang a buisa diphuthego tsa kgotla mo kgaolong ya gagwe ya botlhophi a bo a tsaya megopolo le go ba rolela ka tsa palamente e e fetileng, o ne a etela dikgwebo dingwe tse di filweng batho ka lenaneo la nyeletso lehuma. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 12 Jun 2014