Breaking News

Molaodi o kgala ditlhogo tsa maphata

04 Jun 2014

Mothusa molaodi wa kgaolo potlana ya Mahalapye, Mme Malebogo Ramatu, o kgaletse ditlhogo tsa maphata a puso le khansele go tlhoka go tsena diphuthego tsa komiti ya ipabalelo tseleng  ntswa lephata lengwe le lengwe  le tshwanetse go nna leloko la komiti eo.

O buile se mo phuthegong ya komiti ya ipalelelo tseleng kwa Mahalapye ka Labobedi. A re go maswabi go bona bagolwane ba maphata a puso le khansele ba palelwa ke go tsena diphuthego tsa ipabalelo tseleng e bile ba retelelwa ke go romela baemedi kwa diphuthegong tseo le mororo ele bone ba neetsweng boikarabelo jwa go tsaya ditshwetso tse di ka tswang di ama maphata a bone.

Mme Ramatu o boleletse batsena phuthegong eo gore ditiro dingwe tsa komiti eo di paledisiwa go dirwa ka ntlha ya go tlhoka go tsena diphuthego ga maloko gammogo le go tsena thari mo diphuthegong, mme a bolela fa maikaelelo a gagwe ele go tseela botlhe ba ba sa tseneng diphuthego dikgato tse di maleba ka jaana ofisi ya gagwe ele yone e neetsweng dithata le boikarabelo jwa go okamela maphata a puso mo kgaolong eo.

A re ka ntlha ya dikotsi tse di gapang matshelo a batho kgwedi le kgwedi  mo lefatsheng leno, puso e ne ya simolodisa dikomiti tsa ipabalelo tseleng  go ruta setshaba ka ditsela tse di ka dirisiwang go hema dikotsi tsa tsela di tshwana le go emisa go fudusetsa loruo mo ditseleng, go emisa go kgweetsa batho ba itontetse dino le go kgweetsa  batho ba sena ditlankana.

Mme Ramatu o rile go le gantsi dikotsi tsa tsela di bakiwa ke go tlhoka go obamela matshwao a tsela ga bakgweetsi, go kgweetsa ka lobelo le le feteletseng, go kgweetsa batho ba sena ditlankana, go dirisa dikoloi tse di sa itekanelang, go fudisetsa loruo mo ditseleng tse di ageletsweng le go iphitisa dino.

Mme Ramatu yo e bileng ele modulasetilo wa komiti ya ipabalelo tseleng kwa kgaolong potlana ya Mahalapye, o ne a tlanyatlanyetsa batsena phuthego eo fa komiti ya gagwe e tla ya go sekaseka seemo sa ditsela tsa motse wa Mahalaopye le Shoshong kgwedi eno e tlhola malatsi ale matlhano, go bona gore a  di mo seemong se se siametseng go dirisiwa ke dipalamo.

O tsweletse ka go bolela fa go ngomola pelo go bona Batswana, segolo jang banana ba eleng bone  babusi ba kamoso, ba tlhokafala ka dipalo tse di kwa godimo mo dikotsing tsa tsela ntswa ba dikomiti tsa ipabalelo tseleng, ba sepodisi sa Botswana gammogo le ba lekgotla la Motor Vehicle Accident Fund ba tsweletse ka go ruta setshaba ka ipabalelo tseleng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego

Date : 04 Jun 2014