Dithuto tsa nyeletso lehuma di tsamaile sentle
03 Jun 2014
Modulasetilo wa khansele potlana ya Ghanzi, Rre Ezekiel Kajuu a re thuto puisano ya nyeletso lehuma e e neng e tshwaretswe kwa Qabo e atlegile fela thata.
Modulasetilo o buile se mo phuthegong ya khansele potlana, a tlhalosa fa puso e ne e dirile ditaletso tsa balaodi ba dikgaolo ka go farologana mme bontsi jwa bone ba ne ba ba tshologile mokgosi, a supa fa bone e le khansele ya Ghanzi ba ne ba laleditse dikgaolo di le tlhano e leng Kgalagadi, Borwa, Kweneng, Kgatleng le ya Legare mme a itumeletse boleng teng jwa dikgaolo tseo.
A re ga a akaretsa kgaolo ya Bokone Bophirima ka gore e ne e le bontlha bongwe jwa go rulaganyetsa thuto puisano eo.
O tsweletse a re ba itumelela go bo ba bone sebaka sa go tshegetsa thuto puisano e, ka e le yone ya bofelo pele go iwa ditlhophong tsa setshaba mme pitso e e latelang e tla a bo e farologana le ya Qabo, a supa fa makhanselara ba tla itsisiwa ka diphetogo tseo.
Modulasetilo o lebogetse seabe sa makhanselara le badirela puso mo go netefatseng gore tiro e tsamaya sentle mme a ba kopa go tswelela ba tshwaragane ka gore kgaolo ya Ghanzi e tsweletse ka go ngoka ditiro tse di tona tsa setshaba.
A re kgaolo eo, e tla bo e tshegeditse tshimolodiso semmuso ya kgwedi ya Vision 2016 e e tla bong ele kwa motseng wa Tshootsha kgwedi ya Phatwe e tlhola masome a maroro.
A re letsatsi la baoki le lone le tsile go ketekelwa kwa Ghanzi kgwedi ya Seetebosigo e le malatsi a mane.
Makhanselara ba supile fa ba itumeletse pitso ya nyeletso lehuma, mokhanselara yo o itlhophetsweng Mme Gakeolete Dikoma a re pitso e, e thusitse baikopedi ba mananeo go anywa dikitso mo go ba ba setseng ba thusitswe ka mananeo.
O kopile badirela puso go tshwaragana le go rotloetsa ba ba thusitsweng ka mananeo a puso go a tsaya ka tlhoafalo.
Mokhanselara Mme Phaephae Gakelebone wa motse wa New Xade o supile fa mananeo a nyeletso lehuma a le mantle mme sebe sa phiri e le gore le fa baikopedi segolo jang ba ditshingwana tsa merogo ba setse ba roba, ga gona kwa ba ka rekisang teng mme ba felela ba tlamega go rekisa ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase jalo ba bo ba sa dire dipoelo.
O kopile puso gore e ba buelele le ba marekisetso a matona gore ba reke mo go bone, a re baikopedi ba rotloediwa go dira ditlhopha gore ba rekise go le go golwane ka gore marekisetso a matona a batla go reka ka dipalo tse di kwa godimo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lemogang Madumane
Location : GHANZI
Event : Phuthego ya khansele
Date : 03 Jun 2014






