Banni Palapye ba anya boranyane
03 Jun 2014
Banni ba Palapye ba ba rutilweng go dirisa dibalamakgolo ka lenaneo la sesigo kwa motlobong wa dibuka wa Palapye ba galaleditse lenaneo le la thuto ya mahala.
Fa a bua mo potsolotsong, mongwe wa ba ba anyileng mo lenaneong leo, Rre Letlhogile Madi wa dingwaga tse di masome a matlhano le bone, yo o feditseng dithuto tsa gagwe tsa kgwedi tse tharo ngwaga o o fetileng a re o itumela thata ka tiro e ntle e dirwang ke ba lenaneo la sesigo.
O boletse fa a ne a bona go le botlhokwa go tsena dithuto tse ka malatsi a go tshelwa mo nakong ya diphetogo mo sengwe le sengwe se dirwang ka maranyane a dibalamakgolo. Rre Madi a re dithuto tsa teng di ne di le boketenyana, mme gompieno o itse go dirisa dibalamakgolo ntleng le thuso ya ga ope.
A re mo nakong ya gompieno, tiriso ya dibalamakgolo e tokafaditse maduo le boleng jwa kgwebo ya gagwe ya go dira le tsa metlakase ka a sa tlhole a tsamaya a rwele dibuka tse ditona tona e bile a kgona go dira dipatlisiso le go romela diodara ntleng le go ya kwa a rekang didirisiwa teng.
Mme Lucky Mapei wa dingwaga tse di masome a mararo ene o feditse dithuto tsa gagwe ngwaga ono ka kgwedi ya Firikgong. A re o ne a sena madi a go ikisa sekolong go ya go dira dithuto tsa dibalamakgolo ka di le turu, ka jalo a di tsena mo lenaneong la sesigo ka e le mahala.
O boletse fa lenaneo le le mo rutile ka botlhokwa jwa go dirisa dibalamakgolo le tiriso ya tsone e e tla mo thusang go tokafatsa botshelo jwa gagwe, ka a ithutile gore go dira dilo di tshwana le dikarata tsa manyalo, tsa mekete le mananeo a dintsho e le selo se se motlhofo.
O tlhalositse fa go tsenelela dithuto tse go mo rutile go tshela le batho ba ba farologanyeng ka a ne a tsena le bagolo mme ene e le monana.
Moithuti yo o santseng a tsweletse le dithuto tsa gagwe Mme Caroline Maganu wa dingwaga tse di masome a mane le bosupa, yo ithutseng go ruta bana ba sekolo se se botlana a re batsadi ba gompieno ba batla bana ba bone ba rutiwa tiriso ya dibalamakgolo ba sale bannye, ke ka moo a tseneletseng dithuto tse ka a sa itse go dirisa khompiutara.
A re mo bogompienong o a palelwa ka go santse go le thata mme ga a fele pelo ka go sa tshwane le tsho tsho ka a kgona go ipulela le go tswala khompiutara.
Mme Maganu o boletse fa ba sale ba tsene sekolo bogolologolo jaanong ditlhogo tsa bone di le thata, mme a tlhalosa a itumedisiwa ke gore barutabana ba bone ga ba ba felele pelo ka e bile ba ba ruta le ka setswana fa ba sa tlhaloganye puo ya sekgoa.
O tsweletse ka gore thuto ya dibalamakgolo e ya go mo fa dikitso le boitseanape jo a tla bo dirisang mo kwebong ya gagwe ya go rekisa diaparo ka le ene a tla simolola go reka diaparo ko mafatsheng a dirisa maranyane a inthanete, e bile a tla a dirisa le go bala dipampiri tsa dikgang tse di farologanyeng ntleng le go di reka. Morutabana wa dibalamakgolo kwa motlobong, Mme Lapologang Gaefole a re fa e sale lenaneo le le simolodisiwa mo Palapye ba alositse baithuti ba le makgolo a mane le lesome, ba mo go bone ba le masome a mararo ba filweng ditankana.
O tlhalositse fa ba tsaya baithuti ba le masome a mane mo kweding tse tharo, mme go kgona go felela go setse ba le masome a mabedi le botlhano fela ka ba bangwe ba tlogela mo tseleng ntateng ya thaelo ya dikhompiutara, fa bagolo bone ba tla nako dingwe ka ba re ba na le ditshwarego.
O rotloeditse banni ba Palapye le metse e mabapi go iketeeletsa kwa motlobong wa dibuka go tsenelela lenaneo la sesigo ka dipalo tse di kwa godimo go ithuta dibalamakgolo mahala, ka are goromente o ba file tshono e ntle thata e e tla ba sologelang matshelo a bone molemo, ka thuto e e tla ba fa lesedi la go nna mo seemong se se siameng sa go itse go dirisa maranyane a dibalamakgolo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Priscilla Kgang
Location : PALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 03 Jun 2014