Maiteko a puso a a bonala
03 Jun 2014
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa Khekhenye mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Batsile Kgonkane a re maiteko a puso a go inola banni ba metse e e kgakala le ditlamelo mo lehumeng le go tlhabolola matshelo a bone a a bonala ntswa go na le dikgwetlho dingwe tse di paledisang mananeo go goroga ka thelelo.
Rre Kgonkane o buile se mo potsolotsong bosheng, a supa fa puso e dule ka mananeo a le mmalwa ka maikaelelo a go leka go inola Batswana mo lehumeng mme fela go supagala fa tema e dule kwa Khekhenye.
A re mo dinakong tse di fetileng, banni ba metse e e kgakala le ditlamelo ba ne ba tshelela mo seemong se se ngomolang pelo mme seo se tokafetse.
Rre Kgonkane a re lenaneo le le sa tswang go simologa monongwaga la tirelo setshaba le botlhokwa fela thata ka jaana le tlhamela banana diphatlha tsa mebereko e bile ba tsweletse ka go anya botsipa mo badireding ba maphata a puso a a farologaneng.
O lebogotse lenaneo la temo thuo la ISPAAD ka jaana le thusitse Batswana ka kakaretso ka bontsi bo itemela go itirela dijo.
A re lenaneo le, le molemo fela thata mme sebe sa phiri ke go diega ga dituelo tsa madi a bo raditerekere. A re seemo se se ngomola pelo fela thata ka jaana se kgobisa boraditerekere marapo mme a ikuela mo go ba ba maleba go se tsibogela.
Rre Kgonkane o lebogile go menagane ba ofisi ya Omang le kwadiso matsalo le dintsho tswa Letlhakeng ka go tsamaya mo kgaolong ba kwadisetsa batho Omang le go rutuntsha setshaba ka ditlamelo tsa ofisi ya bone.
O supile fa mo nakong e e fetileng bangwe banni ba motse wa Khekhenye ba ne ba sa akole mananeo a puso ka ba ne ba sena dikarata tsa Omang mme fela seo jaanong ele kgang ya maloba.
A re kgang e e santseng e tshwenya ke go tlhoka go kwadisa dintsho ka jalo o gwetlhile banni ba motse oo go dira jalo ka go le botlhokwa.
Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Kgonkane o kaile gape fa tlhaelo ya boroko jwa badirelapuso le go tlhoka motlakase kwa kokelwaneng ya motse e santse e le kgwetlho ka jaana badiri ba berekela mo diemong tse di thata jalo a ikuela mo pusong go tsibogela seemo seo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Shelley Kasefitlhela
Location : Letlhakeng
Event : Potsolotso
Date : 03 Jun 2014