Breaking News

Bojalwa bo ka lebatsa setho

21 Feb 2013

 

Boitshwaro jwa banwi ba bojalwa jwa setopoti le morula kwa Tswapong borwa bo kailwe bo le kwa tlase fela thata.

 

Mookamela mapodisi a Machaneng, Superintendant Peggy Vakalisa o tlhalositse gore dipego tsa botho jo bo sa amogelesegeng morago ga go nwa majalwa ao ga di kgale kwa ofising ya sepodisi.

 

A re dipego tse ba di amogelang thata ke tsa dititeo le dikomano. Superintendant Vakalisa o ne a tswelela ka gore ga go bonolo go laola seemo ka gore majalwa ao a kgona go itirelwa fela ke mongwe le mongwe ka a sa tlhoke sepe se sentsi, mme bangwe ba kgona go felela ba a a nwa pele le morago ga dinako tse di beilweng. 

 

O tlhalositse fa bojalwa jwa setopoti bo ka kgona go itirelwa ke mang le mang yo o nang le magapu ka bo tlhokana le one fela le gore jwa morula bo botlhofo ka bo dirwa ka morula o e bileng o atile thata mo kgaolong.

 

Kgosi Shadreck Sarona wa Machaneng o ne a tlatsa ka gore mo motseng wa gagwe, botlhoka tsebe jwa banwi ba setopoti le morula bo gola letsatsi le letsatsi. A re dintwa tse di bakang dikgobalo tse di masisi le go tlhapatsana morago ga go nwa ga di mo jese diwelang. 

 

O ne a kgala bagwebi ba a reng ba rekisetsa bana ba dingwaga tse di kwa tlase majalwa. A re dipego di supile fa bangwe bagwebi ba dirisana thata le bana bao ka ba kgona go ba fitlha mo matlong gore ba nwele teng. ENDS

Source : BOPA

Author : Violet Keipeile

Location : LERALA

Event : Potsolotso

Date : 21 Feb 2013