Breaking News

Lenaneo le tswa maduo

02 Jun 2014

Go tsibogela mokgosi wa ga tautona a lefatshe leno wa go agela ba ba tlhokileng lesego matlo go tokafaditse matshelo a ba bantsi.

Se se buile ke mookamela kgaolo ya legare wa lephata la dikitsiso Mme Masego Pilane fa a bula semmuso ntlo e e agetsweng Rre Lefoko Dibebe wa kgotla ya Moumo kwa Serowe bosheng.

Mme Pilane o tlhalositse fa maiteko a tshwana le a a dirilweng ke komiti ya ditlhabololo tsa kgotla eo a go agela Rre Dibebe ntlo ya kamore tse pedi a tswa tema.

O tsweletse a re, “Matshelo a batho ba le mmalwa a setse a tokafetse morago ga gore Batswana,dikompone le makalana a inaakanye le lenaneo la ga tautona la go agela batlhoki matlo.”

Mme Pilane o tlhalositse fa puso e ka seke ya kgona e le nosi bogolo jang morago ga kwelo tlase ya itsholelo, a tlatsa ka gore maiteko a go thusa ba ba tlhokileng lesego a botlhokwa.

O supile fa maiteko a ele tsela nngwe ya go lwantsha lehuma le le apereng Batswana bangwe le e bileng puso ya Botswana e emeng ka dinao go le lwantsha.

A re mowa wa go aba le go thusa ba ba tlhokileng lesego o rotloediwa ke botho le boipelego jo Batswana ba tswang kgakala ba ipelefatsa ka jone.

Mme Pilane a re o dumela gore Batswana botlhe le bone ba tla a inaakanya le go diragatsa le go tlotlomatsa botho le boipelego jo ba itsegeng ka jone, a tlatsa ka gore se se dirilweng ke komiti e tshwanetse ya nna sekao mo dikomiting tse dingwe le morafe ka kakaretso.

O rotloeditse Rre Dibebe go tlhokomela mpho ya gagwe.

Mokhanselara wa kgotla ya Sunnyside, Rre Modisakgotla Makwati o gakolotse banni gore ba seka ba tsaya letshego la tebelopele ya setshaba le le rotloetsang gore batho ba kgathale ka bangwe ka bone e se sepe, a re le direletswe gore batho ba thuse ba ba tlhokileng lesego.

Rre Makwati a re go thusa yo o tlhokileng lesego ga go itumedise ene fela mme go itumedisa mmopi wa lefatshe.

Kgosi Mmuso Modise wa kgotla eo o ne a re komoti e supile tshwaragano le popagana e e mo pineng ya setshaba.

A re fa popagano le tshwaragano e ka rena mo morafeng otlhe, matshelo a ba ba tlhokileng lesego a ka tokafala.

Fa a tswa la gagwe modulasetilo wa komoti eo, Rre Kebue Nata a re babereki ba Ipelegeng le morafe ba ne ba tsenya letsogo mo maitekong a go araba mokgosi wa go supa lerato.

O tsweletse a tlhalosa gore komiti ya ditlhabololo tsa motse e eme ka dinao go thusa morafe ka ba setse ba agetse batho matlwana a boitiketso le go ba tsenyetsa dipompo tsa metsi.

Rre Dibebe yo o nnang le bana le bana-ba-bana botlhe ba le masome a mabedi le bongwe o ne gape a amogela dimpho di akaretsa malao,diaparo,dikobo,ditilo go tswa mo bathong ka go farologana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : SEROWE

Event : Kabo-ntlo

Date : 02 Jun 2014