Breaking News

Lwantshang tshenyetso setshaba - Nyathi

02 Jun 2014

Badiri ba lephata la temo-thuo ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba gwetlhilwe go dira ka natla go tlhomamisa gore tshenyetso setshaba e a nyelela.

Mo puong ya gagwe kwa tirong ya go ribolola bukana ya lephata leo ya maitlamo a go lwantsha tshenyetso setshaba, mogolwane kwa lephateng leo, Mme Mmadima Nyathi o gateletse botlhokwa jwa gore modirelapuso mongwe le mongwe a ikitee ka thupana go thibela tshenyetso setshaba.

Mme Nyathi, yo e leng motshwarelela mothusa mokwaledi mo go tsa botegeniki, o supile fa maikaelelo le maitlamo a lephata la temo-thuo e le go aga bodiredi jo bo senang kamano epe le tshenyetso setshaba.

O  tlhalositse fa lephata le itomile molomo wa tlase go tlhomamisa gore bodiredi jotlhe jwa lone bo nna jo bo sa beeng sebete ditiro dipe tsa tshenyetso setshaba.

A re seno ba tla a se kgona magareng ga tse dingwe ka go ruta le go tsibosa badiri ba bone ka borai jwa tshenyetso setshaba ga mmogo le go kaba dikgoro tsotlhe tse tshenyetso setshaba e ka tsenang ka tsone mo bodireding jwa bone.

Mme Nyathi a re gape lephata le ikemiseditse go rotloetsa le go nonotsha go tlotlwa ga melawana le ditsamaiso tsa go ntshiwa ga ditirelo.

O supile gape fa ba ya go dira ka natla go aga botsalano jo bo nonneng le ba-na-le- seabe ba ba farologaneng, se e le tsela nngwe ya go nolofatsa maiteko a bone a go fenya ntwa kgatlhanong le go jwelelela ga tshenyetso setshaba mo bodireding.

Mme Nyathi o gateletse gape botlhokwa jwa go sireletsa batho ba ba ba lomang tsebe ka dikgang tsa tshenyetso setshaba, selo se a boletseng fa ba tla se dira ka tlhoafalo gore setshaba se seka sa nna maoto a tshupa go ba sebetsa fa go nale dipelaelo tsa gore dilo di ka tswa di dirwa ka tshokamo.

Go sale foo, Mme Nyathi o akgoletse magareng ga ba bangwe, ba lekalana la twantsho tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo, ba sepodisi sa Botswana le ofisi ya mosireletsi wa setshaba seabe sa bone mo go thuseng lefatshe leno go fenya ntwa kgatlhanong le tshenyetso setshaba.

Mogokaganya ditiro tsa lephata la temo-thuo wa kgaolo ya Bokone Botlhaba Rre Alfred Mashungwa ene, o supile fa tshenyetso setshaba e le borai thata mo matshelong a batho ka jalo go le botlhokwa gore e thibelwe.  

Rre Mashungwa o kaile fa go le thata go epolola tshenyetso setshaba fa e setse e itshetletse

Fa a ema kokoano e e neng e tsene tiro eo ka lefoko, modiri wa lekalana lwa twantsho tshenyetso setshaba le go gopela  itsholelo Rre Mmoloki Mothuti o boletse fa go le botlhokwa gore modiri mongwe le mongwe a tlhomamise fa a na le seabe se se bonalang mo ntweng kgatlhanong le tshenyetso setshaba.

O gwetlhile lephata la temo-thuo go seke le ipona tsapa mo go lwantsheng tshenyetso setshaba, a tlhalosa fa maiteko ape a a dirwang a thusa go menagane maitlamo a puso a go nyeletsa mmaba o.

Rre Mothuti o akgotse lephata leo go bo le kwadile bukana e e tla a ba kaelang mo maitekong a bone a go nyeletsa tshenyetso setshaba, a ba a tlhomamisa fa lekalana la bone le tla a dira ka natla go bona gore maiteko a bone a a atlega.

E ne e rile go le pele, a amogela batsena-tiro eo, Kgosi ya motse wa Zwenshambe Rre Moses Mabutho, a bolela fa tshenyetso setshaba e kgona go diga itsholelo le gone tota go tlhofofatsa boleng jwa setshaba.

Ka jalo, o gwetlhile botlhe go ema ka dinao go thusa puso go fenya ntwa e e boloditsweng kgatlhanong le bosula jo.

A re e tshwanetse ya nna boikarabelo jwa mongwe le mongwe go dibela seriti sa tshaba ya lefatshe leno, a tlhalosa fa go dira jalo e le yone tsela e e tlhomameng ya go sireletsa boleng le gone tota go godisa itsholelo ya lefatshe la Botswana.Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : MASUNGA

Event : Tiro ya go ribolola bukana

Date : 02 Jun 2014