Breaking News

Emisang khiro ya kgethololo - Mokalake

01 Jun 2014

Tona wa lephata la ditsha le matlo, Rre Lebonaamang Mokalake o kgadile a sa kgwe mathe tsamaiso e banni bangwe ba Xere ba ngongoregileng ka yone ba re khiro ya lenaneo la Ipelegeng e dirwa go lebeletswe boloko jwa diphathi tsa sepolotiki.

Banni ba Xere ba ntshitse ngongorego eo bosheng mo phuthegong ya kgotla ba supa gore bangwe ba bone ba rontshitswe sebaka sa go thapiwa mo Ipelegeng ka gore ba ne ba apere mebala ya phathi e e neng e sa tsamaelana le maikutlo a ba ba hirang.

Rre Mokalake a re e nne la bofelo a utlwa ngongorego ya gore tsamaiso ya khiro e dirwa go lebeletswe gore motho o apere mebala ya phathi efe. A re go tshwanetse ga thapiwa mongwe le mongwe yo o batlang tiro eseng go lebelela boloko kana kapari e tsamaelanang le phathi epe fela. O supile gore tsamaiso e, e baya bangwe ka fa mosing ka jalo ga e a tshwanela go letlelelwa gotlhelele.

Kwa motseng wa Mmadikola gone,  Rre Mokalake yo gape e leng mopalamente wa kgaolo ya Boteti Borwa, o supile gore go tlhoka go amogela dikgakololo tse di tlang ka boeteledipele go busetsa  morago. 

Rre Mokalake o ne a araba dingongorego tsa mongwe wa banni ba Mmadikola, Rre Gaboitatolwe Jenjele yo o neng a supa gore mapolotiki a palelwa ke go tlisa ditlhabololo mo motseng wa bone.

Tona Mokalake a re, le fa a lekile go ntsha dikgakololo a rotloetsa morafe go inaakanya le dikgwebo tsa bojanala, maiteko a gagwe a iteile se fololetse ka go sena ope yo o neng a tsiboga. Rre Mokalake a re, go na le setlhopha sa bomme ba ba neng ba bone lefelo lengwe gaufi le noka ya Boteti mme ba eletsa go dira motse wa ngwao.

A re le fa a ne a rulaganya gore bomme bao ba kgone go ya go tsaya malebela kwa Bahurutshi Cultural Village kwa Mmankgodi le gone go tswelela ba thusiwa ka dikgakololo ke ba ofisi ya diphologolo le mekgabisa naga, maiteko a bone a ne a seka a atlega ka gore bangwe ba ne ba gana ka lefelo le ba neng ba eletsa go direla mo go lone.

Rre Mokalake o tsweletse a supa gape gore o ne a tswelela a ikopanya le ba kompone ya Debswana gore ba thuse morafe wa Mmadikola ka madi a tla thusang go agelela le go tsenya ditlamelo mo masimong go simolodisa temo ya nosetso. 

A re le fa kompone ya  Debswana e ne ya dumalana le megopolo wa gagwe, tiro eo le yone e feletse e padile ka bangwe ba ne ba gana ka lefatshe le le neng le supilwe le ka dirisiwa, ba re ke la bone le fa mo nakong eno le ntse le sa dirisiwe.

Rre Mokalake o supile gape gore e sale noka ya Boteti e simolola go ela, o  rotloeditse merafe ya metse ka go farologana go ikopanya go rulaganya meletlo ya ngwao ngwaga le ngwaga mme le gone go retetse. 

O tsweletse a re go a tshwenya go bona morafe o supa mapolotiki ka monwana le ntswa ba paletswe ke ditiro tse di ba lebanyeng. Rre Mokalake a re ditiro dingwe tse morafe o eletsang di diriwa ke tse di sa akarediwang mo mananeong a a tsweletseng a ditlhabololo, a tlatsa ka gore ba tshwanetse ba gakologelwa gore ditiro tsotlhe tse di tsenang mo lenaneong lepe fela la ditlhabololo di tswa ka morafe e seng mapolotiki.

Kgosi wa motse wa Xhumo, Rre Seikgotheng Ntshumbiwa ene o supile fa a tshwenngwa ke badirelapuso ba ba ganang go dirisana le morafe le boeteledipele jwa motse. 

Kgosi Ntshumbiwa a re bangwe ba badirelapuso ga ba tsenelele diphuthego le ditiro dipe fela tsa morafe, a tlatsa ka gore o setse a ikuetse kwa ofising ya ga molaodi go thusa go laola seemo se. 

Rre Ntshumbiwa o supile gore boikarabelo jwa go baakanyetsa ditiro tsa motse e setse e le morwalo wa badirelapuso ba ba berekelang mo kgotleng fela, a supa fa ba maphata a mangwe ba sa batle go thusa. 

O tsweletse a supa gore le ka nako e go neng go baakanyediwa phuthego ya ga Tona Mokalake, ba sekolo se se botlana le kokelwana ba ne ba gana go ba adima ditilo.

Kgosi Ntshumbiwa o supile gore boeteledipele jwa motse bo tshwentswe ke seemo sa thuto ka gore maduo a sekolo se se botlana a tsweletse ka go wela tlase.  A re ba lemogile dingwe dilo tse di bakang seemo se mme di ka kgonwa go rarabololwa fa ba kopane le bagolwane ba thuto. 

O supile gore le fa a kopile mogolwane wa thuto kwa Letlhakane go tla go kopanela seemo se, ga a ise a tsibogele kopo ya gagwe. Kgosi Ntshumbiwa a re o tshwenyegile thata ka gore bana ga ba kgone go tswelela sentle le dithuto tsa bone mme ba felele ba inaakanya le ditiro tsa borukutlhi.

Mopalamente Mokalake a re dikgang tsa badirelapuso ba ba sa dirisaneng le morafe di a tshwenya gonne di busetsa ditiro tsa motse kwa morago. 

A re modirelapuso o tshwanetse a gakologelwa ka tse dintle tse a di dirileng jaaka go tlisa kitso le dikgakololo mo morafeng e seng go nna sekgoreletsi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : LETLHAKANE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 01 Jun 2014