Go duela lekgetho go botlhokwa
25 May 2014
Lekgetho ke sengwe sa dilo tse di thusang go tsamaisa lefatshe mo ditirong tsa tsatsi le letsatsi, ka jalo le tshwanetse la tsewa tsia ke mongwe le mongwe yo o tshwanetseng go kgetha.
E rile a buisa makhanselara mo phuthegong e e tsweletseng ya khansele kwa Masunga bosheng, mogolwane wa lekalana la Botswana Unified Revenue Service (BURS), Rre Tutu Bakwena a gwetlha botlhe ba ba dirang P36 000 le go feta ka ngwaga go ikatumetsa kwa ofising ya bone go ikwadisetsa lekgetho.
Rre Bakwena a re ope fela yo o ka tswang a bereka mme madi a gagwe a kamogelo a wela mo seelong seo, kgotsa a na le ditsela dingwe tse a inaakanyang le tsone a dira dipoelo dingwe mme e re a tlhakanya madi a gagwe otlhe a wele foo, o tshwanelwa ke go ikwadisetsa, go duela lekgetho.
O tlhalositse fa ditsela dingwe tse motho a ka di dirisang go dira madi di akaretsa go rekisa di-tsa temo-thuo, go hirisa matlo kgotsa go nna le semausu, gareng ga tse dingwe.
Rre Bakwena a re fela go a tshwenya ka jaana go sa ntse go na le bangwe ba ba nang le mokgwa wa go loba madi a mangwe a ba a dirang ntle le a kamogelo, a re batho ba go nna jalo fa ba lemogwa ba ka tseelwa dikgato tse di maleba.
Fa a itebaganya le dikhamphani, Rre Bakwena o tlhalositse fa tsone go sa kgathalesege gore di dira sentle mo dipoelong kgotsa jang, di tlamega go ikwadisetsa lekgetho.
Ka jalo, o ne a kopa makhanselara go ba tswa thuso kwa dikgaolwaneng tsa bone ka go rera efangele ya botlhokwa jwa lekgetho le go tsibosa batho go ikwadisa.
Fa a tsibogela potso ya mokhanselara wa Matshelagabedi, Mme Winnie Showa, yo o neng a batlile go itse gore a lephata ga le na thulaganyo ya gore batho ba kgone go duelela kwa dibankeng go itsa seemo se batho ba felelang ba itsapa go ya kwa ofising, bogolo jang ya Francistown ka ntlha ya mosuke o o koo, Rre Bakwena o ne a tlhalosa fa ba le mo lenaneong la go simolodisa thulaganyo eo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Phuthego ya khansele
Date : 25 May 2014