Tona o lela ka ditagi mo dikoleng
22 May 2014
Mothusa tona ya thuto le tlhabololo dikitso Rre Keletso Rakhudu o ngongoregile ka tiriso ya ditagi mo dikoleng go ralala lefatshe leno.
Fa a bua mo kgotleng ya Tsholofelo Borwa ka labobedi,Rre Rakhudu a re tiriso botlhaswa ya ditagi mo baneng ba dikole ke mathata a matona a tlang fa morago ga bolwetsi jwa HIV/AIDS mo lefatsheng leno.
A re baithuti ba dikole tsa magare le tsa ithutelo ditiro ke bone tshosoerwelweng mo tirisong ya ditagi mo eleng gore lephata la gagwe le batlile le dirisa dintsa tse di dupang mo dikoleng go dupa ditagi mo dikgetseng tsa bana mme mogopolo oo o santse o tlogetswe pele.
Le fa gontse jalo, a re puso e tla sekaseka mogopolo oo ka gonne baithuti ba le bantsi ba inaakantse le tiriso ya ditagi, a tlatsa ka gore palo e ntsi ya banana e dirisitse ditagi.
Mothusa tona a re mathata a okediwa ke batsadi bangwe ba ba senang maikarabelo ka ba rekisetsa bana ditagi mme a kopa batsadi go supa mowa wa botsadi o o ka thusang go bopa bana ba.
Mo go tse dingwe, Rre Rakhudu o boleletse banni gore lefatshe leno ga le ise le inoge mo manokonokong a kwelotlase ya itsholelo, ka jalo puso e paletswe ke go oketsa dituelo tsa badirela puso mo dingwageng tse di fetileng ka gonne madi a seo.
O supile fa lephata la thuto le abetswe P44 billion mo ngwageng wa madi wa 2014/2015, mme a re madi ao a tla dirisiwa go dira ditiro tse di ntseng di akanyeditswe. A re lephata le filwe madi a a fetang a maphata a mangwe, le salwa morago ke lephata la dikgaolo le tlhabololo metse ya magae.
Le fa go ntse jalo, mothusa tona a re puso e fokoditse melala ya yone mme a tlatsa ka gore puso e tla a dira mo e ka go kgonang go fa Batswana ditlhabololo.
O kopile Batswana go amogela ditlhopha tse di tlang mono go tla go tsaya karolo mo dikgaisanong tsa bobedi tsa banana tsa Aferika tse di simololang gompieno go fitlha Motsheganong a le masome mararo le bongwe. Rre Rakhudu yo gape eleng mopalamente wa Gaborone bokone o rotloeditse Batswana go tlhopha ka dipalo tse di kwa godimo mo ditlhophong tsa setshaba tse di tla a tshwarwang ngwaga one.
A re Motswana mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go tlhopha puso e a batlang e mo etelela pele mme a tsibosa banni go nna podi matseba gore batswakwa ba seka ba tlhopha. Fa a ntsha la gagwe, ramapodise a Broadhusrt Superintendent Bonosi Molapisi o kopile banni go tshwaragana le mapodise go lwantsha borukutlhi ka go dira dikomoti tsa ntebele ke go lebele tse di ka thusang go sireletsa banni.
A re tshwaragano e e akaretsa mapodise, baithaopi, batho ka bongwe le malwapa a a batlang go netefatsa gore fa ba nnang teng go sireletsigile.
A re ntebele ke go lebele e kgona gape go sireletsa dithoto tsa batho e bo e fokotsa borukutlhi ka ntlha ya gore malwapa a sireletsegile e bile go begwa dikgetse tse di belaesegang kwa mapodiseng le go dira ka mowa o le mongwe ga banni. Fa ba ntsha la bone, banni ba ngongoregile ka matlakala a a sa tseweng mo malwapeng a bone le go tlhoka go gokelela malwapa a bone mo kgophong ya metsi a a leswe.
Ba ntshitse mogopolo wa gore batho ba ba boelelang go dira molato ba seka ba letlelelwa go letela tsheko kwa ntle ga kgolegelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : GABORONE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 22 May 2014