Mogare o ka fenngwa
21 May 2014
Mothusa tona wa merero ya ofisi ya ga tautona le bodirelapuso Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri a re fa Batswana ba ka tshwaragana le mmuso go lwantsha kanamo ya mogare wa HIV, maikaelelo a go nyeletsa mogare oo le bolwetse jwa AIDS ka ngwaga wa 2016 a ka fitlhelelwa.
Rre Matlhabaphiri o buile jalo kwa phuthegong ya kgotla bosheng, e a neng a e buisa kwa Shakwe go lekodisa banni ba motse oo ka ditirelo tsa lephata la gagwe gammogo le go ba tlanyatlanyetsa ka mananeo a puso e thusang Batswana ka one go tokafatsa matshelo a bone.
A re ere ka lefatshe la Botswana lene la apeswa ke seru sa kanamo ya mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS mo dingwageng tse di fetileng, e bile Batswana ba ne ba ganyaolega ka dipalo tse dintsi, ke sone se tautona wa pele Dr Festus Mogae le mmuso wa gagwe ba neng ba simolodisa lekgotla la NACA go itebaganya le go lwantsha mogare oo, ka go rotloetsa batho go dirisa dikausu le go nwa dipilisi tsa diritibatsi go hema dintsho.
Rre Matlhabaphiri o kopile banni ba Shakwe le Batswana ka kakaretso go thusana le mmuso go lwantsha seemo seo, ka go amogela dikgakololo tsa badiri ba lephata la botsogo ditshwana le go dirisa dikausu, go nwa ka nako dipilisi tse di ritibatsang mogare, go emisa go tlhakanela dikobo le batho ba ba farologaneng le go fokotsa go itontela dino.
Mothusa tona o tsweletse ka go kgothatsa setshaba sa lefatshe leno go rotloetsa banana go tsenelela lenaneo la go rupisiwa ga bana ba basimane ka go kgaolwa letlalo la bonna, ele tsela nngwe ya go ba sireletsa mo go tsenweng ke malwetse a tlhakanelo dikobo.
Rre Matlhabaphiri o tlhalositse fa lephata la gagwe le neetswe boikarabelo jwa go tlhokomela bana-le-bogole ba ba ka sekang ba kgona go itirela sepe mo botshelong le go thusa bao ba ba nnang le bana-le-bogole ka dithuso ditshwana le dijo, diaparo le bonno, ele tsela nngwe ya go neela batho ba go nna jalo seriti sa gore le bone ba kgone go akola meamuso ya lefatshe leno jaaka Batswana ba bangwe.
Mabapi le dikgang tse dingwe, o boletse fa mmuso o dumelane go abela kgaolo nngwe le nngwe ya botlhophi, mo go tse di masome a matlhano le bosupa P 2 million, go thusa batho bale makgolo a mabedi mo kgaolong nngwe le nngwe go lwantsha le go nyeletsa lehuma la nta ya tlhogo ka go ba rekela dihutshane; dikoko; go ba rekela ditante tse di hirisiwang mo manyalong le go ba lemela merogo mo digotlong.
O akgoletse batho ba metse ya Makwate, Dovedale le Shakwe mo kgaolong ya Mahalapye Botlhaba go tsena ka mmetela mo lenaneong la nyeletso lehuma, mme a bolela fa a tshwenngwa ke badirelapuso bangwe ba ba sa ntseng ba goga dinao go thusa batho ba ba ikopelang mananeo a puso go tlhabolola matshelo a bone.
E rile banni ba Shakwe ba akgela mo phuthegong eo, ba kopa mothusa tona go ba isetsa malebo kwa go tautona Lt General Seretse Khama Ian Khama mabapi le ditlhabololo tse di dirilweng mo motseng wa bone, jaaka kgokelo ya motlakase le ditiro tse dingwe tse di dirilweng ka lenaneo la Ipelegeng, eleng matlo a boroko jwa barutabana le terata e kgaoganyang masimo le mafudiso.
Ba boleletse mothusa tona gore le fa ba itumelela ditlhabololo tseo, ba ngongoregisiwa ke letlhoko la dikoloi mo kgotleng ya motse oo le mo kokelwaneng gammogo le tlhaelo ya baoki, letlhoko la motlakase mo sekoleng se se botlana le mo kokelwaneng ntswa motse wa Shakwe o na le motlakase.
Ba re letlhoko la motlakase mo sekoleng le mo kokelwaneng le kgoreletsa baithuti go dirisa dibalamakgolo fa kwa kokelwaneng go pateletsa baoki go dirisa dikerese go thusa balwetse fa gole bosigo.
E rile Rre Matlhabaphiri a tsibogela dingongora tsa bone, a tlhalosa fa mmuso o letleletse maphata a puso go isa dikoloi tsa bone kwa madirelong a ikemetseng ka nosi boemong jwa go di isa kwa lephateng le le ntseng le baakanya dikoloi tsa puso la CTO. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : SHAKWE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 21 May 2014