Breaking News

Mananeo a nyeletso lehuma ga a tsamae sentle

20 May 2014

Banni ba Makwate le Dovedale kwa kgaolong ya Mahalapye ba ikuetse mo go mothusa tona wa merero ya ofisi ya ga tautona, fa ba sa itumelele gore mananeo a nyeletso lehuma a bo a sa tsamae sentle mo metseng ya bone.

Ba buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mothusa tona  Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri bosheng. Rre Security Mokubate wa Makwate  a re batho ba le bantsi mo motseng ga ba akole mananeo sentle, selo se a reng se ba beile ka fa mosing.

Rre Mokubate a re bangwe ba ile ithutuntshong ya go dira ga mananeo mangwe, mme fa ba tswa koo ba nna fela go se sepe se ba se dirang ka didirisiwa di le bonya go tla.

O  rile didirisiwa di tshwana le tsa kapei di tla ka monokela, a re mme seo se ba paledisa go akola mananeo ao.

Rre Mokubate o ne a bua a sa kgwe mathe ka dipodi tsa lenaneo la nyeletsa lehuma, a re bone ele ba ba eletsang go tsaya lenaneo le, ba dira tiro ya go batla dipodi, mme e a re madi a go di reka a tshwanetse go tswa, e bo go ngodiega gore beng ba leruo ba itlhoboge.

A re go tsaya lebaka go duela mong wa leruo mme seo se tsala tlhoka kutlwisisano fagare ga bone, a tlatsa ka gore seo gape se ba rontsha ditshwanelo tsa bone ka ba felela ba sa kgone go thusega go itlhotlhora lehuma.

Fa a tlaleletsa mafoko a mong ka ene, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Dovedale Rre Isaiah Gaseitsewe le ene o ne a kgala tsamaiso ya nyeletso lehuma mo motseng wa bone. 

Rre Gaseitsewe a re go a reketla ka didirisiwa di tla ka monokela,  a re seo se ba busetsa morago. O  kopile gore didirisiwa tsa kago ya hoko ya dikoko le tsa ditshingwana di goroge ka nako gore morafe o kgone go itshetsa.

E rile a tsibogela matshwenyego a morafe, mmaboipelego wa kgaolo Mme Pearl Molapisi a tlhalosa fa lebaka la gore dilo di bo di le bonya e le gore ba ba filweng boikarabelo jwa gore ba tlise didirisiwa ba bo ba le bonya le go dira tiro ya bone.

Le fa go ntse jalo, Mme Molapisi o ne a re ba tla a leka ka bojotlhe go fefosa go isa didirisiwa.

Fa a fa pego, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Makwate Mme Kedibonye Mogotsi, a re o tshwenngwa ke tsela ya Makwate, ka go sena sepe se se dirwang mo go yone. A re ga e gopiwe mme e bile ga e dirwe sepe gotlhelele.

O  rile ba kgokgontshiwa go menagane ka e a re tona mongwe a ba lekola, ba lephata la ditsela e bo e le gone ba gopang tsela mme mo nakong eno ga go a dirwa le fa ele sepe.

Mme Mogotsi o bile a ikuela ka letlhoko la dikago tsa puso mo motseng a re bodiredi jwa kgotla bo akaretsa mokwaledi, mapodise gammogo le badiri ba temo thuo ba kopanetse ofisi e le nngwe.

O kopile gore go okediwe dikago tsa puso di akaretsa diofisi, matlo a boroko a bodiredi ga mmogo le matlwana a boitiketso kwa sekolong se se botlana.

Fa a tsibogela matshwenyego a bone, mothusa tona  o tlhalositse fa  mongwe le mongwe a na le keletso ya go bona motse wa  gaabo o gatetse pele ka ditlhabololo.

Rre Matlhabaphiri o rotloeditse banni go dirisa lenaneo la Ipelegeng go dira dingwe tsa diofisi, a re go ka tlisa pharologanyo mo letlhokong la diofisi.

O rile motse ope fela o tshwanetse gore o nne le mananeo a nyeletso lehuma a motiya.

Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Matlhabaphiri o kopile gore ba-na-le bogole ba ntshiwe kwa mahure gore ba bone dithuso tse di ba lebaganeng.

O tlhalositse gore puso e na le mananeo a faphegileng a a lebaganeng ba-na-le bogole mme ka jalo a re ba na le tshwanelo ya go a akola  jaaka Motswana mongwe le mongwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lesedi Chikumbudzi

Location : MAKWATE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 20 May 2014