Kgotla e tsholola boikuelo jwa lekgotla
20 May 2014
Kgotlakgolo ya ditsheko e tsholotse boikuelo jwa lekgotla la kabo ditsha la Batlokwa jwa go batla go ikgatholosa tshwetso ya Land Tribunal, e e neng e laela lekgotla go reetsa morafe.
E ne ya re ngwaga o o fetileng Land Tribunal ya laela Tlokweng Land Board go reetsa selelo sa morafe wa Batlokwa mabapi le go aba ditsha di le makgolo a mabedi, masome a robabobedi le botlhano ka khupekhupele, mme lekgotla leo la isa kgang eo kwa kgotleng kgolo ya ditsheko.
Mafoko a, a boletswe ke mothusa kgosi ya Batlokwa, Kgosi Michael Gaborone, kwa phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke bogosi bosheng.
Kgosi Gaborone o boletse fa Moatlhodi Michael Mothobi a buseditse kgang eo kwa lekgotleng la kabo ditsha gore ba sekaseke dintlha dingwe tse ba neng ba di tlodisitse matlho.
O boletse fa ditshenyegelo tsa tsheko di tla duelwa ke lekgotla la kabo ditsha la Tlokweng. Kgang e, e tla jaana morago ga gore morafe wa Batlokwa o ikuele kwa lekgotleng la Land Tribunal mabapi le ka fa ditsha tseo di abilweng ka teng.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Gaborone o boletse fa ba tshwenngwa ka bana ba ba lwelang boswa jwa batsadi ba bone. O tlhalositse fa bana bangwe ba sa batle bomorwarraabone ba nna le seabe mo bosweng jwa batsadi ba bone.
O boletse gape fa bangwe ba rekisa boswa fa ba sena go bo abelwa, a supa se ele go ba tlhabisa ditlhong. O tlhalositse gape fa bana bangwe ba tlhapatsa batsadi ba bone ba ba tlhokafetseng, mme a kaya fa ele bogosi ba ikaelela go fedisa se ka go letsa moretlwa.
Mothusa kgosi a re go kgoba marapo go bona batho bangwe ba rekisa ditsha mme ba sale ba iphotlhere ba sena fa ba latsang tlhogo teng. Mo go tse dingwe, mogolwane go tswa kwa Botswana Retired Nurses Society, Mme Mavis Kewakae, o boletse fa ba eletsa go aga motlobo wa dibuka kwa motseng wa Tlokweng mme ba kopa Batlokwa go ba thusa go diragatsa toro ya bone.
Mme Kewakae o boletse fa ba tshwentswe ke gore ga gona motlobo wa dibuka mo motseng oo, ka jalo bana fa ba batla go bala ba patelesega go ya Gaborone.
O kaile fa ba amogela dithuso dipe fela le yone ya go dira ka diatla, a tlhalosa fa ba na le madinyana mangwe a ba a boneng mme a sa lekana go dira tiro e.
E rile ba tswa la bone, Batlokwa ba supa fa ba ka itumela fa tiro ya go nna jalo e ka atlega, ka go sena kwa bana ba bone ba balelang teng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : RAMOTSWA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 20 May 2014