Breaking News

Ba kopilwe go direla bana Omang

19 May 2014

Banni ba kgotla ya Magapatona kwa Tutume ba kopilwe go kwadisa bana ba bone go nna le Omang fa dingwaga  tsa bone di setse di letla gore ba ka tsaya Omang.

Fa a buisa phuthego kwa kgotleng, Kgosi Mpelo Magapatona o tlhalositse fa batsadi ka bontsi ba santse ba saletse kwa morago mo go kwadisetseng bana go tsaya Omang.

O supile fa bana ka bontsi ba sena Omang ntswa dingwaga tsa bone di letla gore ba ka bo ba tsere Omang. A re o leka ka thata go bua le batsadi fa ba tsile diphuthegong go isa bana go dira Omang mme seemo ga se tokafale.

A re batho ba tshwanetse go itse fa Omang ele selo se se botlhokwa fela thata ka a dirisiwa gore motho a kgone go bona dithuso tsa puso.

O supile fa bontsi jwa banana ba sa bone dithuso tsa puso ka ba sena Omang mme se se dire gore ba nne fela mo malwapeng ba  sa tokafatse matshelo a bone.

Kgosi o tlhalositse fa e le tshwanelo ya ngwana monwe le mongwe go direlwa Omang fa a le dingwaga  di le lesome le borataro mme a tla duedisiwa fa a tla go ikwadisetsa Omang morago.

O boletse fa banana ba tirelo setshaba kwa ofising ya ikwadisetso Omang, matsalo le dintsho, ba tla a ruta ka botlhokwa jwa go nna le Omang mme a solofela fa se se tla tokafatsa seemo sa go sa ikwadisetsa Omang mo motseng.

Mo go tse dingwe o boletse fa bogodu bo ile magoletsa mo motseng.

O kopile banni go bereka le mapodise sentle gore ba kgone go tshwara magodu a a tlhorontshang batho,  ba ba amoga di tsa bone.

O boletse fa bogodu jo bontsi bo dirwa ke batswakwa ba ba thapiwang ke Batswana kwa masimong mme a supa fa go na le banana bangwe ba motse ba ba inaakantseng le bogodu ka ba sa batle go bereka.

A re lenaneo la ntebele ke go lebele ke lone le le ka thusang go fokotsa dipalo tsa bogodu mo motseng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Clara Thamase

Location : TUTUME

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 19 May 2014