Breaking News

Bangwaketse ba gana nnang wa banyana

19 May 2014

E rile bosheng ga bo go sena fa motho a ka bayang leoto teng, kgotla kgolo ya GaNgwaketse kwa Kanye e tletse thi!

Matlhogotshweu, makau le makgarejwana ba tsile ka makatlanamane,  lentswe la bone le le lengwe fela le supa fa ba sa batle gore Barolong ba tswe mo go bone ba ikemele ka bonosi ele kgaolo.

Ba ganne nnang wa banyana fa pele ga tona wa dikgaolo le tlhabololo magae Rre Peter Siele yo gape e leng mopalamente wa Ngwaketse Borwa kwa phuthegong e a neng a e biditse go tla go utlwa megopolo ya bone gore ba reng ka Barolong ka Kgosi Letlamoreng II a na le keletso ya gore Barolong ba ikemele ka nosi e nne kgaolo.

Selo se, se ne sa kgopisa Bangwaketse thata mo ba boleletseng tona gore ba tseelwa kwa tlase e bile Barolong ba dirisa lefatshe le ba le filweng ke Bangwaketse.

Ba tlhalositse fa  Kgosi Letlamoreng a  ka bo a buile le Kgosi Malope II pele, ba tlatsa ka gore kgang eo e tshwanetse go boelwa morago, e seng jalo go tla nna le bothata jo botona jwa semorafe.

Morafe wa Bangweketse ka bongwe fela jwa pelo o boletse gore fa Good Hope e nna kgaolo ka bo yone e emetse Borolong ba tswe mo kgaolong ya Borwa ba tseye ditsa bone e bile metse e mentsi ya Bangwaketse e e mo kgaolong ya Borolong e bo e tswa kwa kgaolong eo.

Bontsi ja Bangwaketse go balelwa le dikgosana ba boletse fa ba sa amogele mogopolo wa gore Borolong e nne kgaolo, ba bolela fa Barolong ba filwe lefatshe ke Bangwaketse e bile ba itse fa Barolong ele bo ntsalabone ba tlhagana fela.

Bangwaketse ba boletse fa ba dumalana le gore Barolong ba ka ikemela ka nosi mme metse yotlhe e e mo kgaolong ya Borolong e batho ba teng eleng Bangwaketse ba tswe mo go yone.

Se se befisetseng Bangweketsi le go feta ke fa Tona Siele a ne a bolela fa metse ya Barolong e na le batho ba le 25 452, fa metse ya Bangwaketse e e welang mo kgaolong potlana ya Borolong e na le 29 098.

Tona Siele o boletse fa a ne a  tsile go tsaya maikutlo a Bangwaketse ka a utlwile fa diphefo di foka gore gona le dikgang tsa gore keletso ya Barolong ga e amogelesege sentle kwa Gangwaketse, mme a bolela fa mongwe le mongwe a tshwanetswe go reediwa mo pusong ya batho ka batho, a supa fa  ikuelo e dirilwe ke Barolong.

O boletse fa ba tshwanetswe go reediwa le go isa morero kwa morafeng le go tsaya ditshwetso morago ga go gakolola tautona.

Tona Siele o boletse fa puso e dira e lebile molao motheo, a re melelwane ga e kake ya sutisiwa gope e bile metse e e busiwang ke Kgosi Malope II, o tla nna a ntse a e okametse, go tla tlhakanelwa ditlhabololo go sa senye sepe se se ntseng se le teng fa gare ga Bangwaketse le Barolong.

Rre Siele o boletse fa tshwetso e ise e tsewe ka gore go santse go sekwa sekwa mme e tla re merero e sena go wela morafe o bolelelwe sentle gore puso e bone gole botlhokwa eng.

Mo dikakgelong bontsi ja morafe wa Bangwaketse bo ganne nnang wa banyana gore Borolong e ikemele ka nosi ka gore lefatshe ke la bone e bile ba palo potlana mo go bone.

Ba ne ba bolela gore kgang ya teng ke ya sepolotiki e rotloetswa ke bangwe batho. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : KANYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 19 May 2014