Breaking News

Mopalamente o rola molao wa banyalani

18 May 2014

Molao o o ntshitsweng bosheng wa gore banyalani ba ba tlhakanetseng dithoto ba ka di kgaogana ba ntse ba le mo lenyalong o amogetswe ka tsoo pedi ke banni ba Mathangwane.

Se ba se supile bosheng mo phuthegong e e neng e biditswe ke mopalamente wa bone Rre Fidelis Molao.

E rile a tlhalosa ka molao oo, Rre Molao a bolela fa o tla a letlelela gore batho ba ba ntseng ba le mo lenyalong la tlhakanelo dithoto ba kgone go di kgaogana ba ntse ba le mo lenyalong fa ba bona go sena tsamaiso kgotsa tumalano e e lolameng ya dithoto tseo magareng ga bone.

O tsweletse a re molao o setse o ntshitswe kwa palamenteng mme ga o ise o tsene mo tirisong, a tlatsa ka gore o tla a rotloetsa banyalani go dirisa dithoto tsa bone ka kelotlhoko le ka botlhale ka ba itse fa go tla a bo go senyegelwa bone ka bonosi.

Go ya ka molao o, Rre Molao o tlhalositse gore motho o ka bua le yo a nyalaneng le ene fa a bona tiriso botlhaswa ya dithoto. Mme e re ba sena go dumalana ka kgaogano dithoto, ba  begele botsadi kgotsa bommaboipelego. A re se, e tla a bo e le go itirela bosupi ke mongongoregi gore e re kgang e goroga kwa kgotla tshekelo a bo a ka sekegelwa tsebe.

Mopalamente Molao o tlhalositse gape gore go dira jalo go tla a bo go sa reye gore batho ba a kgaogana mme go tla a bo go raya fela gore ba tlhaloganya seemo sa bone botoka e bile ba bone tsela ya go se rarabolola.

E rile mongwe wa banni ba motse oo Mme Kesego Poloko a ntsha la gagwe, a tlhalosa fa a itumelela molao o fela thata ka a dumela gore batho bogolo jang basadi ba tla seka ba iteseletsa fela ba sa dire sepe mo lenyalong. O tlhalositse fa a dumela gore ba tla a nna le mowa wa go itirela ba ntse ba le mo lenyalong ba sa beye matshelo a bone mo go ba ba nyalaneng le bone.

Rre Thobane Johnson yo o neng a bolela fa a le mo lenyalong la tlhakanelo dithoto, o tlhalositse fa a dumalana le molao o o ka go le gantsi mongwe wa banyalani o kgona go dirisa dithoto botlhaswa fa gongwe yo a nyalaneng le ene a sa itse. Rre Johnson a re molao o,o ntshitswe mo nakong e e siameng e seemo sa itsholelo se leng kwa tlase ka o fitlhela batho ba nyalana ka mabaka a eseng a nnete, motho a gabile dithoto tsa yo mongwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Terry Makgoeng

Location : MASUNGA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 18 May 2014