Seemo sa terata ga se itumedise
19 Feb 2013
Go bolelwa fa diterata tse di oleng mo kgaolong ya Okavango di dira gore motsamao wa leruo le diphologolo tsa naga o seka wa laolesega go tswa dintlheng tsotlhe tsa mafatshe a Botswana le Namibia.
Modulasetilo wa komiti ya balemi ya North West Integrated Farmers Association (NWIFA), Rre Simon Bojosi, o boletse jalo mo phuthegong ya kgotla kwa Gumare mo bosheng. A re se, se ka nna sa baka gore bolwetse jwa dikgomo jwa lekgwafo, bo ipoeletse gape kwa kgaolong ya Nhabe.
Rre Bojosi a re komiti ya gagwe le ba-na-le seabe ba sa tswa go lekola diterata tsa taolo matlhoko a leruo tsa kgaolo ya Okavango kgwedi e e fetileng, mme ba di fitlhela di se mo seemong se se siameng gotlhelele.
Modulasetilo a re se se kgobang marapo ke gore puso e hudusitse batlhokomedi ba terata e e kganelang kanamo ya malwetse kwa dikampeng.
A re e re ka puso e na le bothata jwa tlhaelo ya madi ka ntlha ya kwelotlase ya itsholelo lefatshe ka bophara, go botlhokwa gore setshaba le sone se batle maano a go lwantsha malwetse a leruo le go leka go rarabolola bothata jo bo apesitseng kgaolo ya bone kobo ka letshoba.
Banni ba ne ba atla mogopolo wa go kopanela ditshenyegelo le puso tebang le twantsho malwetse go akarediwa paakanyo ya terata e e laolang kanamo ya malwetse a leruo. Ba rile fa puso e ka ba batlela marekisetso a dikgomo, motho mongwe le mongwe o tlaa ntsha kgomo kgotsa sepe se a nang naso fela jaaka go ne ga diragala ka kago ya sekole sa Mmadikolo.
Mongwe wa dibui, Rre Gosalamang Xaa o kopile gore go okediwe palo ya ditlou tse di tsongwang ngwaga le ngwaga ka e le tsone segolo bogolo di senyang terata le gore go baakanngwe terata e bo e gokelwa motlakase.
E ne ya re ka ngwaga wa 1995, ga tlhagoga bolwetse jwa dikgomo jwa lekgwafo jo bo bonyweng la ntlha kwa lecheng la Xaudumo kwa kgaolong ya Okavango, mme puso ya patelesega go nyeletsa dikgomo tsotlhe tsa kgaolo eo ka 1996. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Rebecca Katjimune
Location : GUMARE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 19 Feb 2013






