Go retetse go tlhopha komiti ya ditlhabololo
07 May 2014
Komiti ya ditlhabololo ya kgotla ya Maaloso kwa Tonota e reteletswe ke go tlhopa maloko a masha a komiti.
Se se diragetse bosheng mo phuthegong e e neng e tshwerwe kwa kgotleng eo, morago ga gore setshaba se se neng se phuthaganye se itsisiwe fa modupi wa dibuka a ise a fetse go dira dipego tsa tiriso ya madi.
E rile a ntsha la gagwe, modulasetilo wa komiti eo, Rre Matshidiso Mothibi a tlhalosa fa maloko a a leng teng a komiti eo a sale a tlhopilwe ka kgwedi ya Mopitlo e le lesome le bosupa ka ngwaga wa 2012.
A re ka jalo, go matshwanedi gore setshaba se letlelelwe go tlhopa maloko a masa ka ba ba sa ntseng ba le teng nako ya bone ya dingwaga tse pedi e setse e wetse.
Rre Mothibi o ne a tswelela ka go rolela banni ba kgotla eo dipego tsa dithoto tse komiti e nang le tsone tse di akaretsang matlo a bonno a le boferabongwe, setsha sa tshilo, ditilo tsa madirelo le ditafole.
E rile a bua ka ditiro tse komiti e di dirileng, a tlhalosa fa ba ntshafaditse matlo a le mararo a bonno, go fetolela matlwana a boitiketso a mosima mo go a dirisang metsi mo kgotleng le mo dikagong tsa matlo a bonno.
O ne a tswelela ka go tlhalosa fa ba tsentse digalase tsa matlhabaphefo mo kgotleng e e gaufi le bone ya Maboledi.
Modulasetilo o ne a nankola dikopo tse ba di dirileng kwa khanseleng potlana ya Tonota tse a neng a bolela fa a na le tsholofelo ya gore di tla arabiwa.
A re dikopo tseo di akaretsa maemelo a dipalamo tsa setshaba mo teng ga motse, le ofisi mo kgotleng ya Maaloso.
E rile a ntsha la gagwe, mongwe wa banni, Rre Michael Mzwinila, a re o bona go le maleba gore setshaba se emele modupa dibuka go wetsa tiro ya gagwe pele ga se ka tlhopa maloko a masa.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi ya kgotla ya Maaloso, Kgosi Isaiah Gaseitsewe, ene a re e re le ntswa tiro e ba neng ba e tletse e sa wela, o solofela fa e tlaare mo nakong e e beilweng ya bokopano joo, ba seke ba ipone tsapa go tla go tlhopha maloko a komiti. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Terry Makgoeng
Location : TONOTA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 07 May 2014