Ba Lecheng ba leboga puso
07 May 2014
Banni Ba Lecheng ba akgoletse puso mananeo a a tokafaditseng matshelo a bone, segolo jang la dipilisi tsa diritibatsi, thibelo mogare go tswa kwa go mmangwana go fetela kwa leseeng gammogo le go nna le ngaka le baoki ba pelegiso.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Kelathegile Kedidimetse o buile se a lekodisa phuthego ya kgotla kwa Lecheng bosheng.
Mme Kedidimetse a re go nna teng ga motshine wa X-ray mo Palapye, go ba fokoleditse mosepele wa go ya Serowe le Mahalapye.O tsweletse a supa fa kokelwana ya bone ele kgologolo jalo e tlhoka go shafadiwa.
O tlhalositse fa ngaka le baoki ba pelegiso ba imelwa ke tiro ka balebagane le metse e le supa e e mo tikologong ya Lecheng, ka jalo a re, ba tlhoka go okediwa.
Mme Kedidimetse a re, ba lebanwe ke letlhoko la dikoloi, ke sone se go fapaanelwang koloi ele nngwe fela.
Mme Kedidimetse o kopile gore ngaka a agelwe ntlo ya boroko, gore a nne gaufi le bone ka mo nakong eno a tswa Palapye.
Fa a mokgwa kgaba, mothusa tona wa botsogo Dr Gloria Somolekae, o rile o itumelela go bo Batswana ba bona thuso ya puso, mme a supa fa letlhoko la madi ele lone le paledisang go tsweledisa ditlhabololo tsotlhe tse di tlhokegang.
O tlhalositse fa ele maikemisetso a puso go fa Batswana botsogo jo bo tlhapileng e bile bo kgatlhisa, ke gone ka moo ba tlisang tlhokomelo e e tsepameng go babalela matshelo le botsogo ja setshaba ka metseletsele ya mananeo a botsogo le ditlamelo tse ba di neelwang mahala.
Dr Somololekae a re, ere ntswa puso e tsweletse ka go thusa setshaba ka ditlamelo tsa mahala, bontsi bo santse bo saletse morago ka go sa itlhokomeleng mo go itlhatlhobeleng malwetse a tshwana le kankere.
A re, bolwetse joo, bo jesetsa lefatshe leno mo kgobedung ka bo tsweletse ka go gapa matshelo a batho. O gakolotse setshaba go fetola ka fa ba tshelang ka teng, a re, ba fokotse tiriso ya letswai le mafura a mantsi mo dijong.
O tlhalositse gape fa bolwetse jwa letshoroma le jone bo le teng mo kgaolong ya Tswapong Bokone.
Mothusa tona a re, mogare o tsweletse ka go kukela, ka batho ba tlogela go nwa dipilisi tsa diritibatsi ba tsaya gore ba fodile.
Fa a tsibogela dikgang tsa tiego ya ba bongaka mo go ntsheng maduo a ditlhatlhobo le tlhaelo ya melemo kwa dikokelwaneng, Dr Somolekae o rile ba tsere tshwetso ya go thapa ba Botswana Couriers go ba anamisetsa melemo mo dikokelwaneng le gone gore ba tsibogela ntlha eo ya go ntsha maduo a ditlhatlhobo ka nako go itsa go jwelelela ga bolwetse.
Dr Somolekae o ne a nna le sebaka sa go etela dikokelwana tsa Lecheng le Malaka go bona bodiredi le ka fa ba tshelang ka teng le sone seemo sa melemo.
Mogolwane wa baoki ba kgaolo eo Rre Cheneso Phiri yo o direlang kwa Lecheng, o tlhaloseditse Dr Somolekae gore ba tshwere ka natla go isa dithuto kwa setshabeng moso le moso pele ga ba simolodisa tiro ya letsatsi.
Mo mafokong a tebogo, mopalamente wa kgaolo Rre Prince Maele o akgoletse banni ba kgaolo ya gagwe go tsibogela pitso ka dipalo tse di kwa godimo jalo.
A re, seo se mo tiisa moko gape se supa fa a nale batho tota.
O tsweletse a re, ke matlhabisa ditlhong gore moeng a fitlhele kgotla e sena ope.
O ile a re, go tla diphuthegong tsa kgotla ka dipalo tse di kwa godimo go fa seriti, le serodumo se se kwa godimo mo go yo o ba etetseng.
O ikuetse mo go mothusa tona gore le bone ba tsenngwe mo go gasediweng matlo le go fiwa dinnete tse di gasitsweng go lwantsha letshoroma, a tlatsa ka gore ga ba eletse go nna le dintsho tsa letshoroma mo kgaolong,BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 07 May 2014