Breaking News

Bagodi ba akgola puso ka koketso ya tandabala

06 May 2014

Bagodi kwa Tutume ba akgotse puso go bo e tsweletse ka maiteko a go fetola matshelo a bone le mororo lefatshe leno le ise le inoge mo manokonokong a kwelo-tlase ya itsholelo.

Mo potsolotsong bosheng, bagodi bangwa ba supile fa koketso ya dituelo tsa bagodi tse di tlwaelesegileng ka go bidiwa tandabala, e le sesupo sa gore puso e tshwenyega ka matshelo a bone.

Mongwe wa bagodi, Rre Elias Boseja, yo o dingwaga di masome a supa le borobabongwe a re, madi ao, a mo sologela molemo thata ka jaana o kgona go ithekela tse a di tlhokang jaaka melomo ya leruo.

A re go supega gore fa itsholelelo ya lefatshe leno e ne e sa wela tlase mo dingwageng tse di sa tswang go feta, puso e ka bo e dirile go le gontsi go tokafatsa matshelo a Batswana.

Mogodi yo mongwe, Mme Mannana Nlanda, yo o dingwaga di masome a roba-bobedi, le ene o iteetse puso legofi, a re Batswana ba tshwanetse go emisa mokgwa wa go kgala gore madi ao ga se a sepe.

A re go botlhokwa gore ba leboge ka jaana lemme leo ba le fiwa fela ba sa le berekela. O tsweletse ka go tlhalosa fa bonnyennyane joo bo mo thusa fela thata gore a seka a bolawa ke tlala.

Mme Nlanda a re le fa bana ba gagwe ba diegile go mo latlhelela sengwenyana, ba tshwerwe ke mabaka a ditiro, tandabala ya gagwe yone e a bo e ntse e mo kgarametsa.

Rre Rocket Munyamani, yo o dingwaga di masome a marataro le borataro le ene o supile fa madi a bagodi a mo sologela molemo fela thata. O tlhalositse fa a ithusa ka madi ao go reka motlakase, go duela metsi le gone go ipolokela bonnyennyane jo bo salang.

Rre Munyamani o gwetlhile botlhe ba ba amogetseng dithuso tse di farologaneng tsa mananeo a puso, go di tsaya ka tlhoafalo e le go supa tebogo.Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 06 May 2014