Kelewendo ke kgosi ya Motopi
19 Feb 2013
Go ne go tletse boitumelo jo bogolo kwa Motopi mo kgaolong potlana ya Boteti Bokone, fa banni ba ne ba tlhoma kgosi.
Motse o, o na le ngwaga o sena kgosi morago ga go re kgosi yo o neng a busa a tlogele tiro ka ntata ya bolwetse.
E rile a rola leina la ga Rre Balekane Kelewendo mo kgotleng, motshwarelela bogosi jwa Bangwato, Kgosi Sediegeng Kgamane a tlhalosa fa go ne go setse go le lebaka motse o sena kgosi.
Kgosi Kgamane o ne a tlhalosa fa ba lekile makgetho a le mantsi go buisana le morafe gore kgosi ya bone e nne mang mme go sena tumalano epe. E tlaa re ka Mopitlo a tlhola letsatsi, Rre Kelewendo a bewe semmuso mo setilong sa gagwe.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : LETLHAKANE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 19 Feb 2013






