Sebipeng mpa ka mabele
18 Feb 2013
Batho ba Komana mo kgaolong ya Bokone Bophirima ba kgadile ba sa kgwe mathe mokgwa o ba boletseng fa e le selo modiro mo motseng wa bone wa go fitlha dirukutlhi.
Ba buile jalo mo phuthegong e e neng e tsentswe kwa motseng wa bone ke Ramapodisi a Maun Rre Kenanao Badumetse mo bosheng a le mo leetong la gagwe la go ipegela morafe.
Fa a tswa la gagwe Rre Ketlaabareng Pelonomi o boletse fa mokgwa oo o atile fela thata mo motseng wa bone. A re batho ba reka dinama tse di tlang kwa go bone di le mo dibekeng e bile gantsi e le dinama tsa bogodu. Le fa go ntse jalo, a re se se makatsang ke gore batho ba mothale oo, ke ba ba sa ruwang le fa e le sepe tota.
Rre Gosirang Noke ene o boletse fa lesika e le mathata mo borukutlhing jwa Komana. A re le fa go senngwa jang, go senya batho ba ba itsiweng, mme ga go mokgwasa ope o o ka tswang. A re seemo seo se buseditse motse wa bone kwa morago mo e bileng ba setse ba le mo lehumeng ka leruo la bone le itseelwa fela. O tlhalositse fa le yone ntebele ke go lebele e e thusang metse e mengwe, e itaya se folletse ka ba setse ba tshaba go laelana fa ba tsamaya.
Batho gape ba kgadile thata bogodu jwa ditante tsa bakenti ba e leng bone ba tshwereng leruo la bone. Ba boletse fa bogodu jo bo ngomola pelo fela thata ka e bile dirukutlhi tsa mothale oo di tsaya ditante mme di tlogele dilwana tsa batho mo lebaleng.
Fa a ba kgwa dikgaba Rre Badumetse o ba kopile go thusa sepodisi ka go tshwaraganela go lwantsha borukutlhi a bo a kgala thata batho ba ba rekang ditante tsa puso ntswa ba itse fa di utswilwe. A re ntebele ke go lebele e tshwanetse ya dirisiwa ka e thusa fela thata fa batho ba seyo mo gae. Rre Badumetse o boletse gape gore mokgwa wa go fitlha dirukutlhi ga o a siama e bile go reka dithoto tsa mothale oo ke molato o motho a ka o sekelang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keagisitswe Dioka
Location : Maun
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 18 Feb 2013






