Breaking News

Maranatha e thusa bagodi

16 Apr 2014

Maikaelelo a mokgatlho wa Maranatha Health Centre ke go thusa Batswana.

Modulasetilo wa mokgatlho, Mme Mamcy Victor o buile  jalo mo potsolotsong bosheng. A re mokgatlho o o tlhamilwe ke bomme  ba bakeresete  go tswa mo dikerekeng tse difarologaneng.

Mme Victor a re ba bone  ba tshwanelwa  ke go simolola go neela le go fa  bagodi lerato ka go ba isetsa dijo kwa posong a re ga se bagodi botlhe ba ba kgonang  goreba je phakela ,mme ba ya go tlhola ko posong letsatsi  lotlhe ba batla go thusiwa.

Ar e ba gwetlhilwe  ke mowa  wa go neele le wa lerato,are gape ba diragatsa letshego lengwe la matshego a sechaba a  2016 la chaba e e lorato ebile e kgathala.

Mme  Victor  are maikaelelo a bone ke gore ba  thuse Batswana  botlhe mme are bagodi  ke bone batho bantlha go thusiwa  ka  gore  bare somareletse  lefatshe  re ipelafatsa   ka bone.

Are mo nakong  eno  ba rulaganyetsa  bagodi koloi e ba tsamayang ka yone  go latela ditlamelo tsotlhe,tse ba ditlhokang are selo se se  tla dira gore maikutlo a wele ba  ba  sa  akanye thata ka batla lemoga gore ba botlhokwa mo lefatsheng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : FRANCISTOWN

Event : Potsolotso

Date : 16 Apr 2014